LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 9/1 ts. 3
  • A o Ka Farologanya se se Siameng Le se Se Phoso?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Ka Farologanya se se Siameng Le se Se Phoso?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O ka Dira Jang Gore o Nne O na Le Segakolodi se se Siameng?
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
  • A Segakolodi sa Gago se Thapisitswe Sentle?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Utlwa Lentswe Le le Mo Teng ga Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Go Solegelwa-Molemo Ke Segakolodi Se O Se Filweng Ke Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 9/1 ts. 3

A o Ka Farologanya se se Siameng Le se Se Phoso?

“Ke ne ka nna le seabe mo go bolayeng batho ba le 25. . . . Ke nna ke ntse ke ba bona mo mogopolong wa me bosigo bongwe le bongwe le letsatsi le letsatsi. Ke nna le ditoro tse di tshosang bosigo. . . . Nka tswa fa ke ya gongwe fa ke le koo ke tla bo ke bona mongwe yo o nkgopotsang mongwe wa batho ba ke ba bolaileng. Ke kgona go bona seno sentle fela jaaka e kete se diragetse gompieno, gone jaanong jaana. . . . Ga ke kgone go lebala dilo tse ke di dirileng.”—V.S.

“Ke ne ka laelwa gore ke ye koo ke ye go gaila baba. . . . Ga ke a ka ka ipha nako ya go akanya gore kana baba bano ke banna, basadi le bana. . . . Ka nako eo ke ne ke ikutlwa gore ke dirile fela jaaka ke laetswe mme ke sa ntse ke ikutlwa jalo, le gore ke tshegeditse ditaelo tse ke neng ke di neilwe e bile ga ke ipone phoso ka go dira jalo.”—W.C.

KA March 16, 1968, banna bano ba babedi ba ba umakilweng fa godimo ba ne ba nna le seabe mo go se kwa morago se neng sa tsewa e le tlolomolao e e setlhogo ya ntwa. Bone mmogo le masole a mangwe, ba ne ba tsena mo motsaneng mongwe wa Vietnam mme ba ganyaola makgolokgolo a baagi ba teng—go akaretsa le basadi, bana le bannabagolo. Mme ela tlhoko tsela e masole ano a mabedi a ikutlwang ka ditsela tse di farologaneng ka teng. Go a bonala sentle gore lesole la ntlha le tshwenyegile tota ka se le se dirileng. La bobedi lone le ikutlwa le se molato ka se le se dirileng. Go tla jang gore batho ba babedi ba ikutlwe ka ditsela tse di farologaneng jaana mme ba dirile selo se le sengwe?

Re ka araba ka gore ke segakolodi—selo se re se filweng ke Modimo se se re thusang go itlhatlhoba sentle le go bona gore a ditiro tsa rona le maikaelelo di siame. Segakolodi ke selo se se re tsibosang gore a re dira se se siameng kana se se phoso.

Batho ba bangwe fa ba dira ditshwetso, ba ya le sekapuo se se reng, “A segakolodi sa gago e nne sone se go kaelang.” Le fa go ntse jalo, ka maswabi, ga se ka dinako tsotlhe segakolodi se ka ikanngwang. Tota e bile, batho ba le bantsi ba ile ba letlelela dilo tse di tsitsibanyang mmele tota le e leng go di dira, mme digakolodi tsa bone ga di ise di ba tshwenye le e seng. (Johane 16:2; Ditiro 8:1) Ke fela jaaka mokwadi mongwe wa Moesemane e bong Samuel Butler a kileng a bolela gore segakolodi “se tlogela go tsibosa ba ba sa batleng go se reetsa.”

A o ka ikanya segakolodi sa gago? Karabo e ikaegile thata mo kgannyeng ya gore se thapisitswe go le kana kang, jaaka setlhogo se se latelang se tla bontsha.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]

Upper war scene: U.S. Signal Corps photo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela