A Puo ya Gago e a Tlhaba Kana e a Fodisa?
MO METLHENG eno e e boima, ga go gakgamatse go bo batho ba le bantsi ba na le “pelo e e phatlogileng” e bile ba le “mowa o o ngomogileng.” (Pesalema 34:18) Ka gone, go ya ka mafoko a ga moaposetoloi Paulo, go tlhokega ka metlha gore re “[bue] ka tsela e e nametsang le meya e e sulafetseng megopolo” le go ‘tshegetsa ba ba bokoa.’ (1 Bathesalonika 5:14) Mme go tweng fa e le gore mongkarona o a re kgopisa kana o re dira sengwe se se sa siamang tota? Mo boemong jo bo ntseng jalo, re ka nna ra akanya gore se re tshwanetseng go se dira fela ke go tlhamalatsa motho yono ka tsela e e makgwakgwa. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go nna kelotlhoko. Kgakololo, tota le fa e tlhokega, e ka utlwisa botlhoko fa e neelwa ka tsela e e makgwakgwa. Diane 12:18 e bolela jaana: “Go na le go bua ka kgakgabuelo jaaka ditlhabo tsa putlela.”
Ka gone, fa re ikaelela go tlhamalatsa sengwe kana re rarabolola go tlhoka kutlwisisano, go botlhokwa go gakologelwa karolo ya bobedi ya Diane 12:18: “Loleme lwa motho yo o botlhale ke phodiso.” Ka metlha ipotse gore, ‘Fa ke ne ke tlhoka go tlhamaladiwa, ke ne ke tla batla gore ke tshwarwe jang?’ Bontsi jwa rona re a thusega fa re kgothadiwa go na le fa re tshwaiwa diphoso. Ka jalo akgola ka bopelotshweu. Gantsi seno se tla rotloetsa motho yo o go kgopisitseng gore a tokafatse, mme gongwe a ka itumelela thuso epe e e neelwang.
A bo go le botlhokwa jang ne ka metlha go timola mafoko a rona ka go nna bori! Mafoko a a fodisang a tla dira gore moreetsi a ikutlwe jaaka mopesalema, yo o neng a kwala jaana: “A mosiami a ntiteye, e tlaa bo e le pelonomi fela; a nkomanye, e tlaa bo e le jaaka fa lookwane lo thelwa mo tlhogong ya me; a tlhogo ya me e se lo gane.”—Pesalema 141:5.