Pego ya Baboledi ba Bogosi
Go Dirisa Tshono Nngwe le Nngwe
BASUPI BA GA JEHOFA ba itsiwe mo lefatsheng lotlhe ka tiro ya bone ya go ruta Baebele. Mme gape ba na le dithulaganyo tse di tlisetsang setšhaba melemo e mengwe. Tirelosetšhaba eno e amogelwa sentle, jaaka maitemogelo a a latelang go tswa kwa Ecuador a supa.
◻ Batsamaisi ba feketeri e kgolo ya galase ba ne ba batla go rulaganyetsa badiri ba bone khoso e e malebana le ditekanyetso tsa lelapa. Mookamedi wa setlhopha sa badiri o ne a laletsa baruti ba sekae ba Bakatoliki gore ba nne le seabe mme go ne go se na ope yo o arabang. Moruti mongwe o ne a mmolelela gore go ne go na le baruti ba le mmalwa ba ba tshwanelegang go bua ka kgang eo mo e leng gore gongwe go ka se nne le ope yo o tla tlang. Fa modiri mongwe wa Mosupi a utlwa seno, o ne a rulaganya gore mokaulengwe mongwe yo gantsi a dirang tshimo ya kgwebo a etele feketeri eno.
Letsatsi le le latelang, Mosupi yono o ne a ya kwa mookameding wa setlhopha sa badiri a akantsha khoso ya go ithuta. Go ne ga dirwa lenaane la ditlhogo tse di tserweng mo dikgatisong tse di farologaneng tsa Mokgatlho wa Watch Tower. Motsamaisi o ne a kgatlhegile. O ne a tlhopha ditlhogo tse tharo tse go ka tlotliwang ka tsone—dikamano tsa batho, melao ya boitsholo kwa tirong le boitsholo mo lelapeng. Morago ga foo go ne ga dirwa dithulaganyo tsa gore go sekasekiwe tshedimosetso eno le setlhopha sotlhe sa badiri.
Badiri ba ne ba kgaoganngwa ka ditlhopha tse supa tse di nang le batho ba le 30 mo setlhopheng sengwe le sengwe, morago ga moo bakaulengwe ba bararo ba ba tshwanelegang ba ne ba tlhalosa tshedimosetso eno. Matswela e nnile afe? Badiri ba le bantsi ba ne ba kopa gore ba etelwe kwa magaeng a bone, mme go ne ga tsamaisiwa dikgatiso tsa go ithuta Baebele di le 216. Bakaedi ba ne ba itumetse thata mo e leng gore ba ne ba botsa Basupi gore a ba ka baakanyetsa metseletsele e mengwe ya dipuo.
◻ Bosheng jaana, go ne ga ntshiwa molao kwa Ecuador o o letlang gore bodumedi bo rutiwe kwa sekolong. Kgaitsadi mongwe wa morongwa o ne a etela mookamedi wa mosadi wa sekolo sa poraemari mme a mmotsa gore molao o mosha o dira jang. Mookamedi o ne a tlhalosa gore go dirilwe maiteko a go simolola thulaganyo ya kobamelo ya ga Maria mme ga ya ka ya atlega. Fa kgaitsadi a akgela ka gore kobamelo e e ntseng jalo e tla bakela bana ba e seng Bakatoliki mathata, mookamedi o ne a dumalana le ene. Morongwa o ne a bolela jaana: “Ka fa letlhakoreng le lengwe, rona re na le thulaganyo ya go ruta melaometheo ya boitsholo go tswa mo Baebeleng e e sa pateletseng motho go amogela bodumedi jo bo rileng.” Mookamedi o ne a araba jaana: “O ka tla leng? Letsatsi morago ga la ka moso?” Fa morongwa a sena go mmontsha buka ya Go Reetsa Morutisi yo Mogolo, go ne ga dirwa tshwetso ya gore ba sekaseke kgaolo e e reng “Go Segō ba ba Letlanyañ.”
Fa a boela, morongwa o ne a dirisa diura di le tharo a etela ditlelase di le supa tse di farologaneng mookamedi a ntse a reeditse. Fa a sena go kopana le setlhopha sa botlhano, mongwe wa baithuti o ne a bolela jaana: “Mohumagatsana, tsweetswee dira gore o etele le ba setlhopha sa borataro. Ba tlhola ba batla go re betsa e bile ba rata go simolola ntwa le rona!” Morutabana mongwe o ne a akgela jaana: “Thubakanyo ke kgang e e botlhokwa thata. Re tlhoka nako e e oketsegileng go tlotla ka kgang eno.”
Go ne ga dirwa dithulaganyo tsa maeto a go boela mo sekolong gore go tle go tlotliwa ka ditlhogo tse di jaaka kutlo le go aka. Go fitlha jaanong, matswela e nnile a a itumedisang thata. Gone jaanong fa kgaitsadi wa morongwa a feta mo mmileng, bana ba sianela go tla go mo dumedisa le go mmotsa dipotso tsa Baebele. Ba bangwe ba mo itsise ka boipelo mo batsading ba bone. Mo godimo ga moo, go ne ga simololwa thuto ya Baebele ya legae le bana ba babedi ba sekolo.