LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 5/15 ts. 32
  • Boitshwaro jo Bontle bo Lere Pako

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Boitshwaro jo Bontle bo Lere Pako
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 5/15 ts. 32

Boitshwaro jo Bontle bo Lere Pako

LOKWALODIKGANG lwa Sentadiana lwa La Gazzetta del Mezzogiorno lo ile lwa akgola Basupi ba ga Jehofa ka ntlha ya go gatisa setlhogo se se reng “Matera—Motse o o Tlhomologileng wa Manno a Logaga.” Setlhogo seno se ne sa tlhaga mo makasineng wa Tsogang! wa July 8, 1997 (ka Seesemane), e e neng ya anamisiwa thata ka dipuo di le dintsi. Gone jaanong Tsogang! e ranolwa ka dipuo di le 81 mme go anamisiwa dikhopi tse di fetang dimilione di le 19 mo lefatsheng lotlhe. Lokwalodikgang loo lo ne lwa akgela ka gore Tsogang! e tlhoma rekoto ya selemo seo “malebana le go itsise ka letsholo la go tlhatlosa maemo a boswa jwa hisitori le botaki jwa toropokgolo [ya Matera].”

Lokwalodikgang loo lo ne lwa akgola Basupi malebana le Kopano ya Kgaolo ya “Tumelo mo Lefokong la Modimo” e e neng e tshwaretswe kwa Matera ka 1997. Setlhogo seo se ne sa bontsha gore Basupi ba ne ba kgona go “dira gore batho ba le 4000 ba tle kwa Setediamong sa XXI Settembre [sa toropokgolo eno] mo gare ga selemo e bile e le mo letsatsing le le babolang; ba dirile tiro ya go phepafatsa, go penta gape, le go baakanya dilo tse di botlhokwa mo lefelong la metshameko (segolobogolo matlo a boithomelo) ba dira mahala gotlhelele, ba duelela ditshenyegelo tsa dilo tse di neng di tlhokega ka bobone.”

Basupi ba ga Jehofa ba leka go nna baagelani ba ba siameng. (Mathaio 22:37-39) Ba latela gape kgakololo eno ya Dikwalo: “Nnang lo ntse lo na le boitshwaro jo bo molemomogolo mo merafeng, gore . . . ba tle ba galaletse Modimo mo letsatsing la go tlhatlhoba ga one ka ntlha ya ditiro tsa lona tse di molemomogolo tse ba leng basupi ba tsone ba ba di boneng ka matlho.”—1 Petere 2:12.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela