LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 5/1 ts. 32
  • Ke ka Ntlha Yang Fa o Sa Nne Mongwe wa Bone?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke ka Ntlha Yang Fa o Sa Nne Mongwe wa Bone?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 5/1 ts. 32

Ke ka Ntlha Yang Fa o Sa Nne Mongwe wa Bone?

NDJAUKUA ULIMBA o na le dingwaga di le 73, mme ngogola o ne a tsaya loeto lwa dikilometara di le 450. O ne a tsamaya sekgala seo sotlhe ka maoto, mme o ne a tsamaya malatsi a le 16.

Rre yono yo o setseng a godile o ne a tsaya loeto lo loleele e le gore a nne gone kwa go nngwe ya dikopano tsa Basupi ba ga Jehofa tsa ngwaga le ngwaga. Morago ga kopano, a itumetse e bile a nonofile mo semoyeng, o ne a boela gae gape ka maoto—loeto lo longwe lwa malatsi a mangwe a le 16. A boiteko jwa gagwe bo ne jwa duelwa? Ee, ruri! Ndjaukua Ulimba o ne a tlhola a tsaya loeto lono ngwaga le ngwaga mo dingwageng di le mmalwa.

Monna yono wa Moafrika ke mongwe wa batho ba ba fetang dimilione tse 15 ba ba tswang mo dinageng tse di fetang 230 ba ba neng ba le gone kwa dikopanong tsa Basupi ba ga Jehofa ngogola. Legale, bontsi jwa bone ga bo a ka jwa tlhoka gore bo tsamaye ka maoto malatsi a le mmalwa go ya kwa lefelong la kopano. Ba le bantsi ba ne ba goroga ka dikoloi, dibese, diterena, kana difofane. A o ne o le mongwe wa bone?

Ka 1998, go tlile go tshwarwa dikopano gape mo lefatsheng lotlhe, bontsi jwa tsone bo tla tshwarwa mo dikgweding tsa selemo (kana mo pakeng ya ngwaga e dipula di sa neng ka yone). Fa Ndjaukua Ulimba a sa ntse a tsogile sentle, gongwe o tla tsaya loeto loo gape lo loleele gore a nne gone. Ene le batho ba bangwe ba ba dimilione ba tla utlwa thulaganyo e e molemo, e e nonotshang tumelo le e e kgothatsang. Botlhe ba ba tla bong ba le gone, ba tla bona kopano eno e le e e tlhomologileng mo ngwageng ono. Le wena o lalediwa ka lorato gore o nne gone. Basupi ba ga Jehofa ba ba mo tulong ya gaeno ba tla itumelela go go bolelela lefelo la kopano e e tla bong e le gaufi le lefelo la gaeno.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela