LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 4/15 ts. 32
  • ‘O Itsile go Tswa Boseeng’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘O Itsile go Tswa Boseeng’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 4/15 ts. 32

‘O Itsile go Tswa Boseeng’

GO YA ka dipatlisiso dingwe tsa bosheng jaana tsa saense, go bua le masea go tlhotlheletsa thata tsela e boboko jwa bone bo golang ka yone, go dira gore ba kgone go akanya, go lemoga dilo, le go rarabolola mathata. Go ntse jalo bogolo jang mo ngwageng wa ntlha wa lesea. International Herald Tribune e bolela gore babatlisisi bangwe jaanong ba dumela gore “palo ya mafoko a ngwana a a utlwang letsatsi le letsatsi ke yone fela tsela ya go bonela pele gore o tla nna botlhale go le kana kang moragonyana, gore o tla atlega go le kana kang kwa sekolong le gore o tla kgona go le kana kang mo setšhabeng.”

Le fa go ntse jalo, mafoko ao a tshwanetse a bo a buiwa ke motho. Go bonala thelebishene le radio di ka se ka tsa kgona go dira se motho a ka se dirang.

Moitsesaense wa tsa boboko kwa Yunibesithing ya Washington kwa Seattle, U.S.A., o ne a bolela jaana: “Jaanong re a itse gore methapo e simolola go logakana a santse a le monnye thata le gore boboko jwa ngwana totatota bo letetse fela dilo tse di mo diragalelang gore bo kgone go laola gore methapo eno e logakane jang. Re ne re sa lemoge gore tiragalo eno e simolola go direga a sa le monnye jaana, go fitlhelela re lemoga seno bosheng fela jaana. Ka sekai, bana ba ithutile go utlwa puo ya gagabo ba santse ba na le dikgwedi di le thataro fela.”

Babatlisisi ba ganana le pono ya ba le bantsi ya gore bana ba tla gola mo tlhaloganyong fa fela ba newa lorato lo logolo thata. Seno se gatelela gape tsela e batsadi ba leng botlhokwa ka yone mo go goleng ga ngwana.

Seno se re gakolola mafoko a lekwalo le le tlhotlheleditsweng la ga moaposetoloi Paulo le a neng a le kwalela Timotheo: “O itsile mekwalo e e boitshepo go tswa boseeng, e e kgonang go go tlhalefisa gore o bone poloko.” Go ka direga gore mekwalo e e boitshepo, e Timotheo a neng a e bolelelwa ke mmaagwe le mmaagwemogolo ba ba dumelang, e nnile le seabe se segolo thata mo go goleng ga gagwe gore a nne motlhanka yo o tlhomologileng wa Modimo.—2 Timotheo 1:5; 3:15.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela