Tsweetswee Kopanela le Rona mo Tiragalong e e Kgethegileng—Ka Matlhatso, April 11, 1998
BASUPI BA GA JEHOFA ba go laletsa ka lorato gore o gopole le bone mpho ya Modimo ya Morwawe, Jesu Keresete. Mpho eno e ne ya bulela batho gore ba nne le tebelelo ya go itumelela botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng.—Johane 3:16.
Monongwaga Segopotso sa loso lwa ga Jesu se tla ketekwa morago ga letsatsi le sena go dikela ka Matlhatso, April 11. Letlha leo le tsamaisana sentle le Nisane 14 e e mo khalendareng ya kgwedi ya Baebele. Tsweetswee botsa Basupi ba ga Jehofa ba ba mo lefelong la gaeno gore ba tlile go se tshwarela kae le gone ka nako efe.