LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 4/1 ts. 9
  • “A Maatla e Bile a Tlhatswa Pelo”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “A Maatla e Bile a Tlhatswa Pelo”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Kafa re ka Dirisang Boroutšhara Jwa Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong! ka Teng.”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
  • Go Tlhagolela Kgatlhego mo Molaetseng wa Bogosi
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Bolela Mafoko a a Molemo a Bogosi ka Diboroutšhara
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Dirisa Diboroutšhara Tse di Farologaneng mo Bodireding Jwa Gago
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 4/1 ts. 9

“A Maatla e Bile a Tlhatswa Pelo”

“GO SIMOLOLA ka moso, ke tlile go e dirisa mo tirong ya go rera, ka gonne mabaka a e a ntshang tota a maatla e bile a tlhatswa pelo,” go ne ga kwala jalo mongwe wa Basupi ba ga Jehofa kwa Fora. Mosupi mongwe kwa United States o ne a kwala jaana: “Ke ne ka e bala ka bonako fela mme ke lebeletse pele go e dirisa mo bodireding jwa tshimo, e re ka re kopana le batho ba le bantsi ba ba sa kgatlhegeng e bile ba sa tshepe Baebele.” Ba ne ba bua ka eng? Boroutšhara jo bo nang le ditsebe tse 32 jwa Buka ya Batho Botlhe, e e neng ya gololwa ke Mokgatlho wa Watch Tower kwa Dikopanong tsa Kgaolo tsa “Tumelo mo Lefokong la Modimo” tse di neng di tshwerwe ka 1997/98.

Bukana eno e ne ya gatisiwa go akantswe ka babadi bangwe ba ba rileng—ba ba ka tswang ba rutegile mme ba sa itse go le kalo ka Baebele. Batho ba le bantsi ba ba ntseng jalo ba na le dikgopolo tse di rileng ka Baebele, le mororo ba ne ba ise ba ko ba e bale. Boikaelelo jwa boroutšhara jono ke go tlhatswa mmadi pelo gore, bobotlana, Baebele e tshwanetse ya sekasekiwa. Boroutšhara jono ga bo pateletse mmadi gore a amogele kgopolo ya gore Baebele e tlhotlheleditswe ke Modimo. Go na le moo, bo dira gore mabaka a ipuelele kaboone. Tsela e bo kwadilweng ka yone ga e a raraana mme e phepafetse e bile e tlhamaletse.

Jaaka dikakgelo tse di nopotsweng fa godimo di bontsha, ba ba neng ba le teng kwa dikopanong ba ne ba tlhologeletswe go dirisa boroutšhara jono mo bodireding jwa tshimo. Ka sekai, kwa Fora go ne ga rulaganngwa gore go nne le letsholo le le kgethegileng la go neela bosupi ka August 23 le 24 ka nako ya fa makgolo a a dikete a baeng ba basha ba ba neng ba tswa kwa lefatsheng lotlhe ba ne ba phuthegile kwa Paris go tla go keteka Letsatsi la Basha la Lefatshe. Basupi ba ka nna 2500 (bontsi jwa bone dingwaga tsa bone di tloga go 16 go ya go 30) ba ne ba tsamaisa dikhopi tsa boroutšhara jono di le 18 000 ka Seesemane, Sefora, Sejeremane, Sentadiana, Se-Poland le ka Se-Spain.

A re direng bojotlhe go dirisa boroutšhara jono, Buka ya Batho Botlhe, mo bodireding jwa rona. E kete bukana eno e ka tlhatswa batho ba ba akanyang sentle pelo thata gore ba lemoge fa ba tshwanetse go sekaseka Baebele ka bobone.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela