LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 3/1 ts. 32
  • Kopano e e “Tlhomologileng” e a Bakwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kopano e e “Tlhomologileng” e a Bakwa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 3/1 ts. 32

Kopano e e “Tlhomologileng” e a Bakwa

MOGASI mongwe wa radio kwa Lima, kwa Peru, o ne a na le dipelaelo thata ka Basupi ba ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, fa a sena go nna gone kwa go nngwe ya dikopano tsa bone tsa kgaolo, boikutlo jwa gagwe bo ne jwa fetoga fela thata. Tota e bile, e ne e mo kgatlhile thata mo a neng a e bua molemo mo bareetsing ba gagwe ba radio. Re nopola se a se buileng:

“Kopano eno e ne e tlhomologile. Go ne go se na le fa e le pampitshana fa fatshe tota e bile go se na morekisi koo. Go ne go se na mathata a tsa pharakano ya dikoloi. Batho ba le 5200 ba ne ba ipega ka madi a bone go ya kwa setadiamong, mongwe le mongwe a tshwere emere, letsela, sephimodi, seolamatlakala, lefeelo, borashe jwa diatla, ditlelafo le melora e e tlhatswang gore ba ye go tlhatswa le go gotlha mo lefelong leo. Fa go neng go tlhokega gore go tshasiwe pente gone, ba ne ba dira jalo. Mme madi a ne a tswa kae? Ba ne ba tla le one ka bobone! Fa ba bolelelwa ka sengwe se se tlhokang go dirwa, botlhe ba ne ba ntsha madi ka bonako. Ke a go bolelela, Kereke ya Katoliki ga e itshwenye mo dikganyeng tse di ntseng jalo. Ke batla go akgola Basupi ba ga Jehofa le batsamaisi ba tiragalo eno. Mme ke batla go ba bolelela go tswa mo botennyeng jwa pelo ya me, E kete Modimo a ka lo thusa le go lo segofatsa.”

Mo metseng e megolo mo lefatsheng lotlhe monongwaga, Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela Kopano ya Kgaolo ya “Tsela ya Modimo ya Botshelo.” A o tla nna gone?

[Mafoko a a mo go tsebe 32]

“Go ne go se na le fa e le pampitshana fa fatshe”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela