Ke ka Ntlha Yang fa ba Dira Seno?
NGWAGA le ngwaga Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba kokoana mmogo kwa dikopanong tse dikgolo ba le dikete. Kwa go tsone, ba itumelela botsalano le go utlwa thulaganyo e e molemolemo ya thuto ya Baebele. Ba bangwe ba dira maiteko a magolo gore ba nne gone kwa dikopanong tseno tse dikgolo. Ka sekai, ngogola kwa Malawi, banyalani bangwe ba ba mo dingwageng tsa mo magareng a bo60, ba na le morwaabone le mosadi wa gagwe le ngwana, ba ne ba tsamaya ka baesekele dikilometara di le 80 go ya kwa kopanong. Ba ne ba tloga kwa motsaneng wa bone ka nako ya borataro mo mosong mme ba goroga kwa mabaleng a kopano diura di le 15 moragonyana.
Kwa Mozambique, setlhopha sengwe se ne sa tsamaya ka dibaesekele malatsi a le mararo go ya kwa kopanong nngwe e kgolo. Mo bosigong bongwe, fa ba ntse ba thibeletse mo go leng lebala fela, ba ne ba utlwa ditau di duma gaufi thata le bone. Le mororo ba ne ba konopela dikgong ka fa ntlheng e diphologolo tseno di neng di le ka fa go yone, ditau di ne tsa nna moo go fitlhela mo mosong. Mosupi yo mongwe yo le ene a neng a ya kwa go yone kopano eo o ne a lebana le tau ka matlho mo tseleng. O ne a ema tsi! go fitlhela tau e tsamaya. Kwa kopanong Basupi bano ba ne ba bolela ka boitumelo kafa ba neng ba “gololwa mo molomong wa tau” ka gone.—2 Timotheo 4:17.
Basupi ba ga Jehofa ba le bantsi ba dira maiteko a magolo gore ba nne gone kwa dikopanong tse dikgolo kana tota le kwa dipokanong tsa beke le beke tsa phuthego go ya go obamela. Ka ntlha yang? Ditlhogo tse di latelang di tla go thusa go tlhaloganya lebaka la go bo go kokoana mmogo go le botlhokwa thata jaana.