“Ke Tesetamente e Ntšha e e Dirisang Dipuo Tse Pedi E e Di Gaisang Tsotlhe”
KE TSELA e Dr. Jason BeDuhn a tlhalosang Baebele ya The Kingdom Interlinear Translation of the Greek Scriptures ka yone. O tlhalosa jaana:
“Ke sa tswa go wetsa go ruta khoso ya Religious Studies Department of Indiana University, kwa Bloomington, [U.S.A.] . . . Khoso eno e amana thata le Diefangele. Lona lo thusitse ka dikhopi tsa Baebele ya The Kingdom Interlinear Translation of the Greek Scriptures e baithuti ba me ba neng ba e dirisa e le nngwe ya dibukathuto tse di dirisiwang mo tlelaseng. Dibolumo tseno tse di potlana di ne di le botlhokwa thata mo khosong eno mme baithuti ba me ba ne ba di rata fela thata.”
Ke ka ntlha yang fa Dr. BeDuhn a dirisa thanolo ya Kingdom Interlinear mo dikhosong tsa gagwe tsa kholetšhe? O araba jaana: “Fa re bua boammaaruri, ke Tesetamente e Ntšha e e dirisang dipuo tse pedi e e di gaisang tsotlhe e e leng teng. Ke mokanoki yo ke ithutetseng Baebele, ke tlwaelane thata le mekwalo le dibuka tse di dirisiwang mo dithutong tsa Baebele tsa gompieno, mme legale, ga ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Mme ke kgona go lemoga kgatiso fa e le ya maemo a a kwa godimo fa ke e bona fela, mme ‘Komiti ya lona ya Thanolo ya Baebele ya Lefatshe le Lesha’ e dirile tiro e e molemo thata. Thanolo ya lona ya Seesemane e e dirisang dipuo tse pedi e boammaaruri e bile e tlhomame mo e ka tlhotlheletsang mmadi gore a akanyetse thata dipharologanyo tse di bonalang mo dipuong, mo ditsong le mo dikgopolong tse di leng teng mo bathong ba ba buang Segerika le dipuo tsa rona. ‘Thanolo ya lona ya Lefatshe le Lesha’ ke ya maemo a a kwa godimo, thanolo e e ranolang lefoko ka lefoko e e tilang diphoso tse di tlwaelegileng e dumalana thata le Segerika. E gaisa thata dithanolo tse dintsi tse di atlegang thata tse di dirisiwang gompieno.”
Baebele ya The Kingdom Interlinear Translation of the Greek Scriptures e gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa go thusa batho ba ba ratang Lefoko la Modimo gore ba tlwaelane le mokwalo wa Segerika wa Baebele wa ntlhantlha. E na le The New Testament in the Original Greek ka fa molemeng wa tsebe (e e rulagantsweng ke B. F. Westcott le F. J. A. Hort). Thanolo ya Seesemane e e ranolang lefoko ka lefoko e ka fa tlase ga mela ya mokwalo wa Segerika. Mo kholomong e tshesane e e ka fa mojeng ke Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika, e e go thusang gore o bapise thanolo ya dipuo tseno tse pedi le thanolo ya segompieno ya Seesemane ya Baebele.