Karabo e e Gwetlhang
LOKWALODIKGANG lwa Katoliki ya Roma ya Boritane, e leng Catholic Herald, bosheng jaana lo ne lwa gatisa lekwalo le le latelang le le tswang kwa mmading mongwe kwa Wales: “Mo bosigong bongwe, Basupi ba ga Jehofa ba le babedi ba ne ba tla kwa gaetsho. Ke ne ka kgona go ba bolelela gore ke Kereke ya Katoliki e e neng ya tlhomamisa gore Tesetamente E Ntšha e ba neng ba e nopola e boammaaruri. Ke ne ka gakgamala fa mongwe wa bone a dumela. O ne a bolela jaana: ‘Ee, lo e tlhomamisitse mme ga lo e latele. Jesu o ne a re, “lo ratane fela jaaka ke lo ratile,” mme lona lo a bolaana. Mo ntweng e e fetileng, Bakatoliki ba ne ba bolaya Bakatoliki, mme ga go na Mosupi wa ga Jehofa yo o neng a bolaya Mosupi [jaaka ene].’ Ke eng se ke neng nka se dira fa e se go dumela? Go tla jang gore re rapelele go utlwana le ‘bakaulengwe [ba rona] ba ba kgaoganeng le rona’ fa rona re sa utlwane ka tsela ya mmatota? A re ka se tshwanelwe ke go baakanya bothata jono pele?”—Johane 15:12.
Dintwa tse pedi tsa lefatshe tsa mo lekgolong leno la bo20 la dingwaga di ne tsa simologa mo go Labokeresete mme tsa bolaya batho ba ka nna dimilione tse 50 go ya go tse 60. Le fa go le jalo, go ka buiwa boammaaruri gatwe Basupi ba ga Jehofa ga ba a tsaya karolo mo dintweng tseo, le gone ga ba a ka ba inaakanya le dikgotlhang dipe tse di diragalang gompieno. Seno se kgonega jang? O tla solegelwa molemo fa o tlhotlhomisa mo gontsi ka dibofo tse di maatla tsa lorato lwa Bokeresete le kutlwano tse Basupi ba ga Jehofa ba ba fetang dimilione tse tlhano ba nang le tsone mo lefatsheng ka bophara.—Bapisa Isaia 2:4.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 32]
U.S. National Archives photo