A o A Gakologelwa?
A o ile wa itumelela go bala dimakasine tsa Tora ya Tebelo tsa bosheng? Gone he, bona gore a o kgona go araba dipotso tse di latelang:
◻ Boikaelelo jo bogolo jwa thuto e tshwanetse ya nna eng mo mosheng wa Mokeresete?
Boikaelelo jo bogolo jwa thuto e tshwanetse ya nna go thusa mosha gore a nne modiredi yo o nang le bokgoni wa ga Jehofa. Mme thuto e e botlhokwa go di feta tsotlhe gore o kgone go fitlhelela mokgele oo ke thuto ya semoya.—8/15, tsebe 21.
◻ Mabaka a go bega phoso e e masisi ya Mokeresetekarona mo bagolwaneng ke afe?
Lebaka le lengwe la go bolela phoso e e masisi ke go sireletsa boitsheko jwa phuthego. Lebaka le lengwe ke gore go dira jalo ke kgato ya lorato lwa Bokeresete lwa molaomotheo lo lo bontshiwang Modimo, phuthego le motho yo o dirileng phoso.—8/15, ditsebe 28, 30.
◻ Go kaya eng go boloka “gaufi mo mogopolong go nna gone ga letsatsi la ga Jehofa”?
(2 Petere 3:12) Seno se kaya gore re se ka ra tlosa “letsatsi la ga Jehofa” mo megopolong ya rona. Ga re a tshwanela go lebala gore letsatsi la fa Jehofa a tla senya tsamaiso eno ya dilo le gaufi thata. Le tshwanetse go nna selo sa mmatota mo go rona mo e leng gore re le bona sentle, le le gaufi thata le rona. (Sefania 1:7, 14)—9/1, tsebe 19.
◻ Ke ka ntlha yang fa malatsi a bofelo a tsamaiso e e boikepo eno a ile a nna matelele go feta ka fa ba le bantsi ba neng ba lebeletse ka teng?
Jehofa o akanya ka se se tla solegelang batho botlhe molemo thata. O amegile ka matshelo a batho. (Esekiele 33:11) Re ka tlhatswega pelo gore bokhutlo bo tla tla ka nako e e tshwanetseng go diragatsa boikaelelo jwa Mmopi wa rona yo o botlhale thata le yo o lorato.—9/1, tsebe 22.
◻ Ba ba leng mo tirelong ya nako e tletseng ba ka nna ba itumetse jang go sa kgathalesege mathata a ba lebanang le one?
Ba tshwanetse go akanya ka masego a mantsi a ba nang le one mme ba lemoge gore diketekete tsa ba bangwe ba mo mathateng a a fetang a bone. (1 Petere 5:6-9)—9/15, tsebe 24.
◻ Mokgele wa ga William Tyndale e ne e le eng fa a ranola Baebele?
Mokgele wa ga Tyndale e ne e le go dira gore Dikwalo di bue le batho ba ba tlwaelegileng ka mafoko a a opang kgomo lonaka e bile di balega motlhofo.—9/15, tsebe 27.
◻ Re ka itshupa jang gore re babueledi ba ba ikanyegang ka nitamo ba Lefoko la Modimo?
Re itshupa fa re ikanyega ka nitamo mo Lefokong la Modimo ka go le rerela ba bangwe ka tlhoafalo. Jaaka barutisi, re tshwanetse go dirisa Baebele ka kelotlhoko, le ka motlha re sa e sokamise kana re sa oketse se e se bolelang gore se tshwanele megopolo ya rona. (2 Timotheo 2:15)—10/1, tsebe 20.
◻ Moya o o bosula o o koafatsang wa lefatshe o ka senya jang bothokgami jwa rona?
Moya wa lefatshe o ka koafatsa bothokgami jwa rona ka go dira gore re se ka ra kgotsofalela se re nang le sone le go tlhobaelela go baya dilo tse re di tlhokang le tse di re kgatlhang kwa pele ga tsa Modimo. (Bapisa Mathaio 16:21-23.)—10/1, tsebe 29.
◻ Go kaya eng go direla Jehofa ka moya otlhe?
“Moya” o bolela motho a feletse le dinonofo tsa gagwe tsotlhe tsa mmele le tsa mogopolo. Go direla Jehofa ka moya otlhe go kaya go dira bojotlhe, re dirisa maatla a rona ka botlalo ka mo re ka kgonang ka gone mo tirelong ya Modimo. (Mareko 12:29, 30)—10/15, tsebe 13.
◻ Ke tsela efe e e ka thusang motho go nna motho yo o tshegetsang molaomotheo wa bomodimo?
Tsela ya go nna motho yo o tshegetsang molaomotheo wa bomodimo tota ke go itse Jehofa, dilo tse a di ratang, tse a sa di rateng le maikaelelo a gagwe. Fa dilo tseno tsa motheo kaga Modimo di laola matshelo a rona, di tla nna melaometheo e e mosola. (Jeremia 22:16; Bahebera 4:12)—10/15, tsebe 29.
◻ Batlhanka ba ga Jehofa ba na le boikutlo bofe jo bo lekalekaneng malebana le puso ya batho?
Ga ba tseye letlhakore mo dikgannyeng tsa bopolotiki e re ka e le baemedi kana babueledi ba Bogosi jwa Modimo. (2 Bakorintha 5:20) Ka fa letlhakoreng le lengwe, ba ikobela ba ba mo taolong ka boikanyegi.—11/1, tsebe 17.
◻ Re ka ithuta thuto efe ka kgato e Elisha moporofeti a e tsereng?
Fa a ne a lalediwa go ya go dira tirelo e e kgethegileng le Elija, Elisha o ne a tlogela tshimo ya gagwe ka bonako gore a ye go direla Elija, tota le fa dingwe tsa ditiro tsa gagwe e ne e le tsa maemo a a kwa tlase. (2 Dikgosi 3:11) Bangwe ba badiredi ba Modimo gompieno ba ile ba bontsha moya o o tshwanang wa go intsha setlhabelo ka go tlogela dilo tse ba itshedisang ka tsone go ya go rera dikgang tse di molemo kwa ditshimong tse di kgakala.—11/1, tsebe 31.
◻ Lekwalo la ga Jakobe le na le kgakololo efe e e mosola?
Le re bontsha kafa re ka lebanang le diteko ka gone, le re gakolola gore re se ka ra kgetholola ba bangwe, mme le re kgothaletsa gore re dire ditiro tse di thokgameng. Jakobe o re kgothaletsa go laola loleme, go ganana le tlhotlheletso ya lefatshe, le go nna le kagiso. Gape mafoko a gagwe a ka re thusa gore re nne pelotelele le go rapela ka metlha.—11/15, tsebe 24.
◻ Ke ka ntlha yang fa Jehofa a “iketleeditse go itshwarela”? (Pesalema 86:5)
Jehofa o iketleeditse go itshwarela ka gonne ga a lebale gore re dibopiwa tse di dirilweng ka lerole, tse di nang le ditlhaelo, kana makoa, e le ka ntlha ya go sa itekanela. (Pesalema 103:12-14)—12/1, ditsebe 10, 11.
◻ Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go iketleeletsa go itshwarela ba bangwe?
Fa re gana go itshwarela ba bangwe fa go na le lebaka la go ba tlhomogela pelo, go ka senya kamano ya rona le Modimo. (Mathaio 6:14, 15)—12/1, tsebe 17.