LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 12/15 ts. 32
  • Go Kgabisiwa ka Lenyena la Gouta

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Kgabisiwa ka Lenyena la Gouta
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 12/15 ts. 32

Go Kgabisiwa ka Lenyena la Gouta

GO TSWA bogologolo, mekgabiso ya gouta e ne e tseelwa kwa godimo thata ka ntlha ya tlhwatlhwa ya yone le bontle jwa yone. Fa Josefa a ne a nna tonakgolo ya Egepeto, Faro o ne a mo naya sebaga sa gouta. (Genesise 41:42) Rebeka o ne a newa lenyena la nko la gouta le maseka a mabedi a mabogo, a a jang madi a a ka nnang R6200 go ya ka madi a gompieno. (Genesise 24:22) Kwantle ga pelaelo, dimpho tse di tlhwatlhwakgolo tseno di ne tsa amogelwa ka go leboga thata mme tsa rwalwa ka boitumelo jo bogolo.

Baebele e bua ka mekgabiso ya tshwantshetso e e botlhokwa thata go gaisa e e neng e rwalwa ke Josefa le Rebeka. Diane 25:12 e bolela jaana: “Jaaka lenyena la gouta le sekgabisa sa gouta e e itshekileng, mokgalemi yo o botlhale o ntse jalo mo tsebeng e e utlwang.” Fa mogakolodi a neela kgakololo e e theilweng mo Lefokong la Modimo go na le go ntsha megopolo ya gagwe, tota o aba mpho e e tlhwatlhwakgolo. Ka ntlha yang? Ka gonne kgabagare kgakololo e e ntseng jalo e tswa kwa go Jehofa ka boene. Baebele e re bolelela jaana: “Morwaaka, o se ka wa nyatsa kwatlhao ya ga Jehofa; le gone o se ka wa lapisiwa ke kgalemo ya gagwe; gonne yo Jehofa o mo ratang o tle a mo kgalemele; fela jaaka rra motho a tle a kgalemele morwawe yo o mo natefelang.” (Diane 3:11, 12) Fa moreetsi a amogela le go dirisa kgakololo eo ka boikokobetso, go ntse jaaka e kete o ikgabisa ka lenyena la gouta. Go ntse fela jaaka seane se se tlhotlheleditsweng sa Baebele se bolela: “Go tlhogonolo motho yo o bonang botlhale, le motho yo o bapalang tlhaloganyo. Gonne tlhwatlhwa ya yone e gaisa tlhwatlhwa ya selefera, le papadi ya lone e gaisa papadi ya gouta e e itshekileng.”—Diane 3:13, 14.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela