Keresemose—A ke Letsatsi la Boikhutso la Lefatshe Kana Letsatsi le le Boitshepo la Bodumedi?
KWA China o bidiwa Monnamogolo wa Keresemose. Kwa United Kingdom, o itsiwe e le Ntate Keresemose. Batho ba kwa Russia ba dirisa leina Rremogolo wa Serame, mme kwa United States, o retiwa ka gore Santa Claus.
Ba le bantsi ba tsaya monnamogolo yono yo o itumetseng yo o nang le mpa e tona le ditedu tse di tshweutshweu e le ene tota Keresemose. Mme gape go itsiwe sentle gore Santa Claus ke tlhamane fela, ke kinane e e theilweng mo dingwaong tse di amanngwang le mobishopo wa lekgolo la bonè la dingwaga wa kwa Myra (kwa Turkey ya motlha wa rona).
Ditlwaelo le dingwao ga di bolo go nna le tlhotlheletso e kgolo mo meketeng, go akaretsa le Keresemose. Tlhamane ya Santa ke nngwe fela ya dikinane tse di amanang le letsatsi la boikhutso le le tumileng. Le fa batho bangwe ba bolela gore dingwao tsa Keresemose di theilwe mo ditiragalong tse di kwadilweng mo Baebeleng, totatota, bontsi jwa dingwao tseno di tswa mo boheitaneng.
Sekai se sengwe gape ke setlhare sa Keresemose. The New Encyclopædia Britannica e bolela jaana: “Kobamelo ya setlhare, e e tlwaelegileng mo Bayuropeng ba baheitane, e ile ya tswelela pele morago ga gore ba fetogele mo Bokereseteng mo dingwaong tsa Scandinavia tsa go kgabisa ntlo le bobolokelo ka ditlhare tse ditala mo Ngwageng o Mosha e le go koba diabolo le go tlhomela dinonyane setlhare ka nako ya Keresemose.”
Go dira mekgabiso e e logilweng ka setlhare sa holly kana tse dingwe tse ditala ke ngwao e nngwe e e tlwaelegileng ya Keresemose. Seno le sone se amana thata le kobamelo ya boheitane. Baroma ba bogologolo ba ne ba dirisa dikala tsa setlhare sa holly go kgabisa tempele ka nako ya Saturnalia, e e leng moletlo wa marigagare o o neng o direlwa Saturn, modimo wa temothuo. Moletlo ono wa seheitane o ne o itsege thata ka tlhapelo e e feteletseng le go tlhoka boitsholo.
Tlwaelo ya Keresemose ya go atlana kafa tlase ga dikalana tsa mistletoe (jaaka go supilwe fano) e ka nna ya bonala e le lorato go ba bangwe, mme ke mokgwa wa Metlha ya Bogare. Baitseanape ba Boritane wa bogologolo ba ne ba dumela gore mistletoe e na le maatla a boitseanape; ka jalo, e ne e dirisediwa go sireletsa kgatlhanong le badimona, boloi le masula a mangwe. Fa nako e ntse e ya, go ne ga nna le tumelobotlhodi ya gore go atlana kafa tlase ga mistletoe go tla felela ka gore batho ba nyalane. Mokgwa ono o sa ntse o tumile mo bathong bangwe ka nako ya Keresemose.
Tseno ke dingwe tsa dingwao tsa segompieno tsa Keresemose tse di ileng tsa tlhotlhelediwa kana tse di tswang ka tlhamalalo mo dithutong tsa boheitane. Le fa go ntse jalo, o ka nna wa ipotsa gore, dilo tseno tsotlhe di simologile jang. Gore go tlile jang gore letsatsi la boikhutso le go bolelwang fa le tlotla botsalo jwa ga Keresete le amane le dingwao tse e seng tsa Bokeresete? Se se botlhokwa le go feta, Modimo o leba jang kgang eno?
[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 2]
Page 3: Santa Claus: Thomas Nast/Dover Publications, Inc., 1978; mistletoe on page 3 and illustration on page 4: Discovering Christmas Customs and Folklore by Margaret Baker, published by Shire Publications, 1994