Melao e e Lesome
MOBISHOPO wa Engelane wa Gloucester o ne a lemoga gore baruti ba ba fetang sephatlo ba kgaolo ya gagwe ga ba kgone go boeletsa Melao e e Lesome, mme diperesente di le 10 tsa bone di ne di sa itse gore di ka e bona kae mo Baebeleng. Mme e ne e le dingwaga tse 450 tse di fetileng. A boemo bo ne jwa tokafala fa e sa le ka nako eo? Tota nnyaa—jaaka patlisiso ya bosheng jaana e e neng ya dirwa kwa le kwa ya Sunday Times ya baruti ba Anglican e bontsha.
Mo baruting ba le 200 ba ba neng ba botsolotswa, ke diperesente di le 34 fela tse di neng tsa kgona go bua Melao yotlhe e e Lesome. Mo go ba ba setseng, yo mongwe o ne a akanya gore ga e a siama tota, mme yo mongwe o ne a re ga e amane ka gope le mathata a boitsholo a segompieno.
A o itse Melao e e Lesome kana go itse gore o ka e bona kae? E kwadilwe mo go Ekesodo, buka ya bobedi ya Baebele, mo ditemaneng tse 17 tsa ntlha tsa kgaolo 20. Ke eng o sa e bale? Tsela e e motlhofo ya go e sobokanya ke eno. E menè ya ntlha e amana le kobamelo ya rona mo Modimong, wa botlhano o tlhomolola botshelo jwa lelapa, wa borataro go ya go wa borobonngwe e amana le botsalano jwa rona le bankarona, mme wa bolesome ke o o kgethegileng, o dira gore re sekaseke dipelo tsa rona, go tlhatlhoba maikutlo a rona. Tshobokanyo e khutshwane ya kafa Bakeresete ba ka dirisang melaometheo eno ka gone ke eno.
Wa ntlha: Obamela Mmopi wa rona a le nosi fela. Wa bobedi: O se ka wa dirisa ditshwantsho mo kobamelong. Wa boraro: Ka metlha tlotla leina la Modimo le go le goletsa. Wa bonè: Iphe nako ya go tlhoma mogopolo mo dilong tsa semoya, o sa iteege tsebe. Wa botlhano: Bana, tlotlang batsadi ba lona. Wa borataro: O se ka wa bolaya. Wa bosupa: Tila boaka. Wa borobedi: O se ka wa utswa. Wa borobonngwe: Bua boammaaruri. Wa bolesome: Tila bopelotshetlha.
Melao e e Lesome e ne e le karolo ya melao e e neng e neetswe Moshe. Mme melaometheo e e e emelang ga e siiwe ke nako. (Baroma 6:14; Bakolosa 2:13, 14) Ka lebaka leno, balatedi ba ga Jesu ba ne ba nopola le go umaka ka Melao e e Lesome. (Baroma 13:8-10) A bo botshelo bo ka bo bo itumedisa—e bile go babalesegile jang ne gompieno—fa botlhe ba ne ba tlotla le go tshela go dumalana le melaometheo eno ya Modimo e e tlhotlheleditsweng!