Pego ya Baboledi ba Bogosi
Basha ba Baka Modimo Kwa Democratic Republic of Congo
MAKGOLOKGOLO a dingwaga a a fetileng, mopesalema o ne a laletsa basha jaana ka lorato gore ba tle go baka Kgosi ya bosakhutleng: “Makau a na le basetsana; banna bagolo le banyana . . . , [bakang] leina la ga Jehofa; gonne leina la gagwe ke lone losi le le goletsegileng.” (Pesalema 148:12, 13) Maitemogelo ano a a latelang a a tswang kwa Democratic Republic of Congo a tlhomolola tshiamelo eno e e sa lekaneng le epe.
• Mong wa jarata e mmulatsela mongwe yo o kgethegileng a neng a nna mo go yone o ne a kgatlhiwa thata ke boitshwaro jwa Basupi ba ga Jehofa. Ka gone o ne a dumelela Basupi gore ba ithute Baebele le morwadie wa dingwaga tse tlhano, e bong Fifi. Fa a se na go bona kgatelopele ya ga Fifi fa a ithuta Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela,a rraagwe o ne a mo dumelela go ya dipokanong kwa Holong ya Bogosi. Kwa go tsone, Fifi yo mmotlana o ne a ithuta dipina tsa Bogosi mo bukeng ya dipina ya Basupi. O ne a rata thata pina ya bo4, e e nang le setlhogo se se reng “Tsholofetso ya Modimo ya Paradaise.”
Ka letsatsi lengwe rraagwe Fifi o ne a bona gore a ye le ene kwa kerekeng ya gagwe. Se se neng se gakgamatsa batho ke gore Fifi o ne a gana go opela dipina tsa kereke. Ka ntlha yang? Ka gonne o ne a lemoga gore dipina tse di neng di opelwa kwa kerekeng ya ga rraagwe di ne di sa dumalane le se a se ithutileng mo thutong ya Baebele. Ka bopelokgale, o ne a opela pina ya gagwe ya Bogosi e a e ratang thata go na le tsone.
Morago ga makgetlho a le mmalwa baeteledipele ba bodumedi ba ntse ba leka go fetola mogopolo wa gagwe ba sa atlege, ba ne ba swetsa ka go kgaola Fifi wa dingwaga tse tlhano! Go sa kgathalesege go tshwarwa ga gagwe makgwakgwa jalo, rraagwe o ne a ritibala fela. O ne a itumelela gore Fifi o ne a nitame mo go se a se dumelang. Rraagwe Fifi mmogo le mmaagwe ba batla a tswelela pele a kopanela le Basupi ba ga Jehofa.
• Fa mosimane mongwe wa dingwaga tsa bolesome yo o bidiwang Lukodi a swetsa gore o ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa, rraagwe o ne a mo ganetsa tota. Mo lekgetlhong lengwe fa Lukodi a sa ntse a ipaakanyetsa go ya pokanong kwa Holong ya Bogosi, rraagwe o ne a mo tshosetsa ka thipa e kgolo. Mo lekgetlhong lengwe rraagwe Lukodi o ne a mo itaya ka thobane, a nna le ntho e e boteng mo mokwatleng. Go sa kgathalesege kganetso e e setlhogo jalo, Lukodi o ne a nna a nitame mo boikaelelong jwa gagwe jwa go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. O ne a tswelela pele a bontsha kgatelopele a bo a kolobediwa. Gone jaanong ke mmulatsela wa ka metlha.
Sona, monnawe Lukodi wa mosetsana, o ne a kgatlhiwa thata ke boemo jwa ga mogolowe mo le ene a neng a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, go mo thibela go ithuta, rraabone o ne a isa Sona kwa sekolong se se kwa motsaneng mongwe, koo go neng go se na Basupi. Le fa go ntse jalo, Sona o ne a itlwaetsa go bua le ba bangwe ka dilo tse a di ithutileng. Ka ntlha ya seo, ntsalae le ene o ne a kgatlhega.
Fa Basupi ba ba mo motsaneng o o gaufi ba utlwalela ka tiro ya ga Sona ya go rera, ba ne ba mo etela mme ba rulaganya gore a nne le thuto ya Baebele ya legae ya ka metlha. O ne a tswelela pele a gatela pele mme go ise go ye kae a tshwana le mogoloe ka go nna Mosupi wa ga Jehofa yo o ineetseng, le yo o kolobeditsweng. Mo godimo ga moo, ntsalae jaanong ke mmoledi yo o sa kolobediwang, mme go tshwarwa thuto ya buka mo motsaneng ono.
A bo go le molemo e bile go lapolosa jang ne fa basha ba kopanela mo go bakeng leina la ga Jehofa!
[Ntlha e e kwa tlase]
a E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.