LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 11/15 ts. 32
  • Masigo a go Tlhoka Boroko a a Neng a Nna le Melemo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Masigo a go Tlhoka Boroko a a Neng a Nna le Melemo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 11/15 ts. 32

Masigo a go Tlhoka Boroko a a Neng a Nna le Melemo

TOTA le dikgosi di na le masigo a di tlhokang boroko ka one. Mmusi mongwe yo o maatla wa Moperesia mo lekgolong la botlhano la dingwaga B.C.E., e bong Ahasueruse, o ne a nna le lengwe la masigo a a ntseng jalo. Gongwe ka go akanya gore go na le sengwe se a sa se dirang, o ne a dira gore a balelwe dipego tsa segosi. O ne a utlwa gore motlhanka yo o ikanyegang e bong Moretekai, o ne a kgoreletsa leano la polao mme o ile a se ka a duelelwa seo. Ahasueruse o ne a ikemisetsa go baakanya phoso eo ka yone nako eo. Melemo e dikgato tsa gagwe di neng tsa e leretse batho ba Modimo e ne ya supa gore go tlhoka boroko ga kgosi go ne go bakilwe ke Modimo.—Esethere 6:1-10.

Phuthego ya Basupi ba ga Jehofa e e mo lobopong lwa Afrika Borwa kwa toropong ya Hermanus e na le lebaka la go gakologelwa karolo eno ya Baebele. Ba ne ba tlhola ba kopanela mo holong e ba e hirileng. Ba ne ba lekile ka dingwaga di le dintsi go reka setsha gore ba ikagele Holo ya bone ya Bogosi. Kgabagare, ka 1991, Khansele ya Toropo e ne ya ba naya setsha se sentle thata.

Le fa go ntse jalo, bangwe ba ne ba le kgatlhanong le go bo setsha seno se rekiseditswe Basupi ba ga Jehofa. Morago ga tiego ya dikgwedi di le mmalwa, phuthego e ne ya itsesiwe gore go ntshitswe molao o o emisang dikereke go reka ditsha ka sebaka sa dingwaga di le tharo mme setsha se ba neng ba se filwe se tserwe. Ka May 1993 phuthego e ne ya kwala gape, e kopa gore khansele e sekaseke tshwetso ya yone gape. Ba ne ba amogela lekwalo le le nang le karabo ya seele se le sengwe, se bolela gore molao o sa ntse o ntse fela jalo.

Ka October wa one ngwaga oo, mongwe wa bakhansele ba toropo o ne a sa kgone go robala. O ne a tsamaisa nako ka go lebelela dipego tsa bogologolo tsa khansele go bona gore a ga go na dilo dipe tse di tlhokang go elwa tlhoko. O ne a rakana le lekwalo le le kwadilweng ke Basupi ba kopa khansele gore e sekaseke tshwetso ya yone gape. O ne a swetsa go tsenya kgang eno mo ajentareng ya pokano e e latelang. O ne a batla go tlhalosa gore Basupi ba ga Jehofa ba ile ba dira kopo ya setsha pele ga molao oo o o amang ditsha tsa dikereke o tlhongwa.

Fa nako e ntse e ya phuthego e ne ya fiwa sone setsha se ba neng ba se ba file pele ka 1991! Se mo tseleng e kgolo, go motlhofo gore maloko a phuthego le batho ba ba kgatlhegang ba fitlhe kwa go sone. Ba agile Holo e ntle ya Bogosi, e e ileng ya neelwa Jehofa ka October 5, 1996.

Le fa phuthego e utlwa botlhoko ka go bo mokhanselara yono a ile a tlhoka boroko, a ka nna a gomodiwa ke gore tota le Kgosi Ahasueruse le ene o ile a nna le bosigo jwa go tlhoka boroko. Mme matswela a ditiragalo tseno ka bobedi e nnile a a molemo. Eleruri phuthego ya kwa Hermanus e itumela thata go bo e na le Holo ya yone ya Bogosi, e leng lefelo la kobamelo e e itshekileng le la go thapisediwa dilo tsa puso ya Modimo mo toropong eno e e gaufi le lewatle le e e itsegeng thata.—Bahebera 10:24, 25.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela