LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 11/15 ts. 3-4
  • A o Eletsa Lefatshe le le Nang le Tshiamiso?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Eletsa Lefatshe le le Nang le Tshiamiso?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O ka Dira Eng fa Wena le Batho ba Bangwe lo sa Tshwarwe Sentle?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
  • O ka Kgona go Itshokela go Tlhoka Tshiamiso!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • A Tshiamololo e Tla Nna e Ntse e le Gone?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 11/15 ts. 3-4

A o Eletsa Lefatshe le le Nang le Tshiamiso?

SEKEPE se se agilweng ka legong se se nang le dipinagare di le tharo le dikarolo tse pedi tsa bogodimo jwa sekepe se atamela losi lwa lewatle lo jaanong lo itsegeng e le Cape Cod, kwa Massachusetts, kwa U.S.A. Setlhopha le bapalami ba le 101 ba ba mo go sone ba lapile thata ka go bo ba ne ba le mo lewatleng ka malatsi a le 66. E re ka ba ne ba batla go tshabela pogiso ya bodumedi le mathata a itsholelo, ba ne ba tsaya loeto lo lo gwetlhang go ralala Lewatle la Atlantic.

Fa bapalami ba sekepe seno sa Mayflower, ba atamela lefatshe ka November 11, 1620, matlho a bone a ne a phatsima ka tsholofelo ya gore ba tla simolola dilo sesha. E re ka ba ne ba batla go thaya motheo wa lefatshe le le botoka, malatsi a mabedi moragonyana bontsi jwa banna ba e leng bapalami mo sekepeng seo ba ne ba saena Tumalano ya Mayflower. Mo go yone ba ne ba dumalana go tlhoma “melao ya tshiamiso le e e sa tlhaoleng” e e “tla solegelang kolone yotlhe molemo.” A keletso ya bone ya lefatshe le le nang le boitsholo jo bo siameng e bile le siametse mongwe le mongwe—lefatshe la tshiamo—e nnile selo sa mmatota?

Tota le fa Tumalano e e saenilweng mo sekepeng sa Mayflower e tsewa e le nngwe ya metheo ya thulaganyo ya puso ya Amerika, tshiamololo e tletse le kwa Amerika fela jaaka go ntse mo lefatsheng lotlhe. Ka sekai, akanya ka monna yo o neng a hulwa ke mapodise fa a ne a leka go tshaba fa a sena go thukhutha le go hula mong wa lebenkele. O ne a isa mapodise le toropokgolo ya New York tshekong mme a duelwa didolara di le dimilione.

Akanya ka sekai se sengwe. Fa baithuti ba molao ba ne ba ntse ba kwala tlhatlhobo ya kgotlatshekelo kwa Pasadena, kwa California, mongwe wa bone o ne a ngatega mme a wa. Baithuti ba babedi ba ba neng ba le gaufi ba ne ba mo thusa ka bonako ka tshidilo ya pelo le ditshika go fitlha ba thuso ya potlako ba fitlha. Ba ne ba fetsa metsotso e le 40 ba thusa monna yoo. Mme fa ba ne ba kopa nako e e oketsegileng go fetsa tlhatlhobo, modiredimogolo wa kgotlatshekelo o ne a gana.

Gape go na le kgang ya go otlhaelwa bokebekwa. Mosekaseki mongwe wa itsholelo e bong Ed Rubenstein o tlhalosa jaana: “Bontsi jwa batho ba ba dirang bokebekwa ga ba ke ba tshwarwa. Bontsi jwa ba ba tshwarwang ga ba sekisiwe. Bontsi jwa balatofadiwa ba gololwa pele ba fetsa nako e ba e atlholetsweng. Kotlhao e motlolamolao a e lebeletseng, ke selo se se ka nnang sa direga, e seng se se tla diregang tota.” Fa a dirisa tshedimosetso e e malebana le go thubela, o bolela gore motho yo o ka nnang a thubela “o tla falola go tsena mo kgolegelong ka makgetlho a a fetang diperesente di le 98.” Go se gagamatse kotlhao go dira gore go nne le bokebekwa jo bontsi le batho ba bantsi ba ba tlhaselwang ka bokebekwa.—Moreri 8:11.

Mo dinageng di le dintsi setlhophanyana sa bahumi se tswelela pele se huma thata fa boidiidi jwa bahumanegi bone ba lebana le go humanega go ya pele. Tshiamololo e e ntseng jalo e nna teng fa batho ba sa newe ditshono tsa go tokafatsa maemo a bone kana tota le go itlhokomela fela ka ntlha ya mmala wa bone, setso sa bone, puo, bong kana bodumedi jwa bone. Ka sekai, go ya ka The New York Times, “mo e ka nnang dimilione tse di ka nnang 250 kwa Asia Borwa kwa go nnang Bahindu ba bantsi gone—bontsi jwa bone e le ba kwa India le Nepal—ke ba setlhopha sa batho ba ba tlhaolwang go tloga ba tsholwa go fitlha ba swa.” Matswela a gone ke gore go nna le dimilione tse di bolawang ke lehuma, tlala le bolwetse. Tshiamololo e laola botshelo jwa bone go tloga ka nako ya fa ba tsholwa go fitlha ba swa.

Go tweng ka tshiamololo e go bonalang motho a ka se ka a kgona go e laola? Akanya ka masea a a tsholwang a na le bokoa bongwe—a foufetse, a golafetse tlhaloganyo kana a golafetse mo mmeleng. A mosadi a ka se ka a akanya gore botshelo ga bo mo tseye sentle fa lesea la gagwe le ka tsholwa le golafetse kana le sule fa basadi ba bangwe bone ba na le bana ba ba itekanetseng?

Ka maswabi, go siamololelwa go aname mme go ntse jalo le ka matswela a gone—go boga thata le go tlhoka kagiso, boitumelo le kgotsofalo. Batho ba le bantsi ka ntlha ya go utlwisiwa botlhoko ke tshiamololo e ba e bonang kana e e ba diragalelang, ba tsaya thubakanyo e le tharabololo, mme ka gone ba oketsa fela go boga ga batho. Dintwa tse dintsi di ile tsa lowa ka ntlha ya tshiamololo e e leng teng.

Ke ka ntlha yang fa batho ba paletswe ke go dira gore lefatshe le nne le tshiamo? A kgang ya gore lefatshe le tla tsamaya le nna jalo ke toro fela?

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]

Corbis-Bettmann

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Go saeniwa ga Tumalano ya Mayflower

[Motswedi wa Setshwantsho]

Corbis-Bettmann

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela