LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 11/1 ts. 32
  • Go ga “Metsi a a Boteng”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go ga “Metsi a a Boteng”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 11/1 ts. 32

Go ga “Metsi a a Boteng”

SEANE sa Baebele se bolela jaana: “Kgakololo mo pelong ya monna e ntse jaaka metsi a a boteng, motho yo o tlhaloganyo o tle a e ge fela.” (Diane 20:5) Mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele go ne go le thata go bona metsi go feta jaaka go ntse mo dinageng di le dintsi gompieno. Fa Jesu a ne a bua le mosadi wa Mosamaria, mosadi yono o ne a ga metsi mo motsweding wa ga Jakobe, e leng sediba se se neng se le boteng jwa dimetara di ka nna 23!—Johane 4:5-15.

Jaaka Diane 20:5 e bontsha, temogo e e tlhokegang gore go ntshiwe megopolo le maikutlo a a boteng a a mo pelong ya motho e tshwana le boiteko jo bo tlhokegang go ga metsi mo sedibeng. Go ntse jalo mo dikarolong di le dintsi tsa botshelo. Ka sekai, gongwe o itse batho ba ba tsereng dingwaga di le dintsi ba kokoanya khumo ya go nna le kitso le boitemogelo. Fa batho bano ba sa ikemisetsa go go neela kgakololo o sa kopa, o ka nna wa e ga mo go bone. Fa o bontsha kgatlhego, o botsa dipotso le go tlhotlhomisa ka kelotlhoko, o tla bo o tsenya emere ya gago mo sedibeng se se boteng sa botlhale, jaaka go ka tualo.

Gape kgakololo ya Diane 20:5 e a dira mo lelapeng. Gantsi, basadi ba utlwiwa ba re: “Monna wa me ga a mpolelele kafa a ikutlwang ka gone!” Monna o ka nna a re: “Mosadi wa me ga a mpuise!” Mo maemong a a ntseng jalo, temogo e a tlhokega gore o goge megopolo e e boteng ya pelo ya molekane. Gantsi dipotso tse di fatang maikutlo tse di jaaka (A o nnile le mathata gompieno? Go rileng? Nka thusa jang?) di ka dira gore puisano e nne e e tswang mo pelong. Go bontsha temogo e e ntseng jalo go ka nonotsha sebofo sa lenyalo, gore monna le mosadi ba solegelwe molemo boobabedi.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela