LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 10/15 ts. 31
  • A e Ne e Le Lenyalo la Bokgarebane?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A e Ne e Le Lenyalo la Bokgarebane?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 10/15 ts. 31

A e Ne e Le Lenyalo la Bokgarebane?

KA MAITEKO a go dumalana le polelo ya gore Marea o ne a nnela kgarebana ruri mo lenyalong la gagwe le Josefa, bataki le ba babetli ba le bantsi ba ile ba tshwantsha Josefa e le monna yo o setseng a tsofetse. Ba ne ba tlhalosa gore tota Josefa o ne a ntse jaaka motlhokomedi wa ga Marea e seng monna wa gagwe. Mme Mopapa John Paul II bosheng jaana o ne a buelela ntlha e e farologaneng malebana le kgang eno. O ne a akantsha gore Josefa “e ne e se monna yo o tsofetseng ka nako eo.” Go na le moo, “boitekanelo jwa gagwe jwa kafa teng jo e leng mpho e a e filweng, bo ne jwa dira gore a tshele le Marea ka lorato lwa go mo kgatlhegela fela.”

Fa e le gore Marea o ne a ikaeletse go nnela kgarebana ruri, ke ka ntlha yang fa a ile a dumela go beelediwa? Mopapa o araba jaana: “Gongwe go ne go na le tumalano fa gare ga Josefa le Marea malebana le thulaganyo ya go tshela ka bokgarebana.”

Le fa go ntse jalo, Baebele e tlhalosa kgang eno ka tsela e e farologaneng. Pego ya ga Mathaio e bolela gore Josefa “ga a ka a nna le dikamano dipe le ene go fitlha a tshola morwa.” (Mathaio 1:25, New American Bible ya Katoliki, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Morago ga go tsholwa ga ga Jesu, sebofo sa lenyalo sa ga Josefa le Marea ga se a ka sa nna sa bokgarebana tota. Bosupi bo le bongwe jwa seno ke gore moragonyana mo pegong ya Efangele, go supiwa fa Jesu a na le bomorwarre le bokgaitsadie.—Mathaio 13:55, 56.

Ka jalo, le mororo Baebele e bolela gore Marea e ne e le kgarebana fa a ne a tshola Jesu, ga go na lebaka lepe la go bolela gore o ne a nna e le kgarebana mo botshelong jwa gagwe jotlhe le Josefa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela