LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 10/1 ts. 32
  • Go Bontsha Bao ba Tlhokang Lorato

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Bontsha Bao ba Tlhokang Lorato
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 10/1 ts. 32

Go Bontsha Bao ba Tlhokang Lorato

BAKERESETE ba na le tshwanelo mmogo le tshiamelo ya go rata bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ba ba tlhokang. (1 Johane 3:17, 18) Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “A re direng se se molemo mo go botlhe, mme segolobogolo mo go ba ba amanang le rona mo tumelong.” (Bagalatia 6:10) Mokaulengwe mongwe yo o saleng a direla Jehofa ka dingwaga di le masome a manè bosheng jaana o ne a bontshiwa lorato lwa bokaulengwe lwa Bokeresete ka nako ya fa mosadi wa gagwe a lwala le morago ga loso lwa gagwe. O kwala jaana:

“E re ka ke ne ke tlhokomelela mosadi wa me kwa gae ka nako ya fa a lwala, ke ne ke sa kgone go dira tiro ya boitshediso mo e ka nnang dikgwedi tse pedi. A bo ke ne ka wela pelo jang ne fa ditsala mo phuthegong di ne tsa re thusa ka go rata! Re ne ra amogela dimpho tse dintsi tsa madi—‘go thusa ka ditshenyegelo tse di oketsegileng,’ jaaka dikarata tse di neng di tla le madi ao di bontsha—tse di neng di duela rente, ditirelo tsa mmasepala le ditshenyegelo tse dingwe.

“Dibeke di le pedi pele ga mosadi wa me a tlhokafala, molebedi wa potologo o ne a tla go re kgothatsa. O ne a bo a re bontsha diselaete tse phuthego e neng e tla di bona kwa bofelong jwa beke. Re ne re kgona go reetsa dipokano ka mogala—go akaretsa le dipokano tsa tirelo ya tshimo tse di neng di tshwerwe ke molebedi wa potologo. Mo go nngwe ya tsone, o ne a dira gore botlhe ba ba leng teng mo tirelong ya tshimo ba re ‘dumela,’ e le setlhopha, mo mosading wa me. Ka gone, le mororo a ne a se teng ka namana, o ne a sa ikutlwe a le nosi.

“Mo lobakeng lwa ura fela morago ga loso lwa gagwe, mo e ka nnang bagolwane botlhe ba ne ba le teng kwa legaeng la me. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba fetang lekgolo ba ne ba eta mo letsatsing leo fela. Dijo di ne tsa lekana mongwe le mongwe yo o neng a le teng ka ‘kgakgamatso.’ Ke ka se simolole go bala dimpho tsotlhe gape, mafoko a a bontshang kutlwelobotlhoko, mafoko a a gomotsang le dithapelo tse ke neng ke di rapelelwa. A bo di ne di nonotsha jang ne! Kgabagare ke ne ka kopa bakaulengwe gore ba emise go tlisa dijo le go thusa go phepafatsa ntlo!

“Ke kae gape fa e se mo phuthegong ya ga Jehofa mo re ka bontshiwang kutlwelobotlhoko, kamego le lorato tse di ntseng jalo tse di se nang bopelotshetlha? Batho ba le bantsi gompieno ba bala ka letsogo le le lengwe fela palo ya ditsala tsa mmatota tse ba nang le tsone. Jehofa o re segofaditse ka gore re nne le lelapa le legolo la bakaulengwe le bokgaitsadi ba semoya!”—Mareko 10:29, 30.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela