LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 9/15 ts. 32
  • O ka Ikanya Ditsholofetso Tsa ga Mang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O ka Ikanya Ditsholofetso Tsa ga Mang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 9/15 ts. 32

O ka Ikanya Ditsholofetso Tsa ga Mang?

KA 1893 setlhopha sa batlhalosi ba le 74 ba tsa loago ba ne ba kopana kwa Chicago World’s Fair go tlotla ka isagwe. (Lefelo la teng le supiwa fa godimo.) Fa ba ne ba lebile pele dingwaga tse 100 go ya go 1993 gareng ga tse dingwe ba ne ba bolelela pele dilo tse di latelang: “Batho ba le bantsi ba tla tshela go fitlha ba nna dingwaga di le 150.” “Matlo a kgolegelo a tla fokotsega mme tlhalo e tla lebiwa e le selo se se sa tlhokegeng.” “Mebuso e tla bo e rulagantswe ka mo go oketsegileng, ka gonne gantsi bogolo jwa mmatota bo ikaegile ka thulaganyo.”

Ka mo go tshwanang ka 1967 buka e e nang le setlhogo se se reng The Year 2000 e ne ya bolelela pele jaana: “Ka ngwaga wa 2000, go bonala fa dikhomputara di tla lekana, di tshwana kana di feta bontsi jwa botlhale jwa ‘motho’ gongwe go akaretsa le bokgoni jwa gagwe jwa go dira dilo tse dintle.” “Go bonala fa kgopolo ya diroboto tse di sa tureng tse di dirang bontsi jwa tiro ya ntlo . . . e tla utlwala thata ka ngwaga wa 2000.”

Go palelwa ga batho go bonela pele ditiragalo tsa isagwe sentle go farologana le bokgoni jwa Modimo ka tsela e e gakgamatsang. Ka sekai, bapisa dipolelelopele tse di fetileng le se se boleletsweng pele mo Baebeleng mo e ka nang makgolo a dingwaga a a ka nnang 20 a a fetileng malebana le motlha wa rona: “Batho ba tla nna baithati, barati ba madi, baipegi, ba ba mabela, batlhapatsi, ba ba sa utlweng batsadi, ba ba sa lebogeng, ba ba sa ikanyegeng ka nitamo, ba ba se nang katamalano e e bothitho ya tlholego, ba ba sa batleng go tsena mo tumalanong epe, basenyabathomaina, ba ba se nang boikgapo, ba ba bogale bo tshabegang, ba ba se nang lorato lwa bomolemo, ba ba neelang batho ka boferefere, ba ba tlhogoethata, ba ba gogomosiwang ke boikgogomoso, barati ba menate go na le barati ba Modimo, ba ba nang le sebopego sa boineelo jwa bomodimo mme ba latola maatla a jone.”—2 Timotheo 3:1-5.

Boporofeti jwa Baebele malebana le ‘malatsi a bofelo’ ke bo le bongwe fela jwa tse dintsi tse di diragaditsweng mo motlheng wa rona. Lefoko la Modimo le ile la bolelela pele gore “sesupo” sa go nna gone ga ga Jesu se tla akaretsa ntwa ya lefatshe, go tlhaela ga dijo, malwetse, dithoromo tsa lefatshe le go rerwa ga dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng lotlhe.—Mathaio 24:3-14; Luke 21:11.

Go tlhomama ga ditsholofetso tsa Modimo go ile ga tlhotlheletsa mokwadi mongwe wa Baebele go bolela jaana makgolo a dingwaga a a fetileng: “[Ga] go . . . na sepe se se tlhaetseng sa dilo tsotlhe tse di molemo, tse Jehofa Modimo wa lona o di buileng ka ga lona; di lo dirafaletse tsotlhe, ga go a tlhaela sepe sa tsone.”—Jošua 23:14.

Ee, re ka tlhomamisega gore ditsholofetso tsotlhe tsa Modimo di tla tloga di diragadiwa. Bogosi jwa Modimo bo tla fedisa bolwetse, bokebekwa, go tshwakgolwa ke diokobatsi, tlala le ntwa—lefatshe lotlhe e tla bo e le paradaise. (Pesalema 37:10, 11, 29; Tshenolo 21:3, 4) O ka tshepa gore boporofeti jono bo tla diragadiwa! Bo tswa mo go Mmopi wa rona, “o o sa ka keng wa aka.”—Tito 1:2; bapisa Bahebera 6:13-19.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 32]

Cleveland State University Archive

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela