LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 9/1 ts. 32
  • Lebone Le le Go Kaelang mo Tseleng ya Botshelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lebone Le le Go Kaelang mo Tseleng ya Botshelo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 9/1 ts. 32

Lebone Le le Go Kaelang mo Tseleng ya Botshelo

“JEHOFA, ke a itse fa tsela ya motho e se mo go ene ka esi; ga goyo mo mothong yo o tsamayang ka dinao go siamisa dikgato tsa gagwe.” (Jeremia 10:23) Moporofeti Jeremia o ne a bontsha ka mafoko ano gore batho ba ka se kaele tsela ya bone ya botshelo ka katlego go se na sepe se se ba thusang. Thuso eo e ka bonwa kae? Mopesalema o araba jaana fa a ne a rapela Jehofa Modimo: “Lefoko la gago ke lobone lwa dinao tsa me, le lesedi la tsela ya me.”—Pesalema 119:105.

Batho ba ba simololang go ithuta Lefoko la Modimo, Baebele e e Boitshepo, le go dirisa se le se bolelang ba tla nna jaaka mongwe yo o simololang loeto ka makuku a naka tsa kgomo. Kwa tshimologong o tla bo a sa bone sentle ka gonne go le lefitshwana. Mme fa letsatsi le simolola go tlhaba, o simolola go bona sentle. Kgabagare, letsatsi le phatsima le le kwa godimo. O bona sengwe le sengwe sentle thata. Setshwantsho seo se re gakolola seane seno sa Baebele: “Tselana ya mosiami e ntse jaaka lesedi le le phatsimang, le le phatsimelang pele fela go ya motshegareng o mogolo.”—Diane 4:18.

Go tweng ka batho ba ba ganang go kaelwa ke Modimo? Baebele e bolela jaana: “Mme tselana ya baikepi e ntse jaaka lefifi: ga ba itse se se ba kgopang.” (Diane 4:19) Ee, baikepi ba ntse jaaka monna yo o kgopiwang mo lefifing. Tota le dilo tsa bone tse di lebegang e kete di a atlega ke tsa nakwana fela, ka gonne “ga go na sa botlhale le fa e le sa tlhaloganyo, le fa e le sa kgakololo se se ka ganelang le Jehofa.”—Diane 21:30.

Ka gone, latela kaelo ya Lefoko la Modimo, Baebele. Fa o dira jalo, o tla bona mafoko a a mo go Diane 3:5, 6 a le boammaaruri: “O ikanye Jehofa ka pelo yotlhe ya gago, o se ka wa ikaega tlhaloganyo ya gago fela. Mo ditseleng tsotlhe tsa gago o ipolele ene, mme o tlaa siamisa ditselana tsa gago.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela