Dinako Tse di Thata mo Bathong ba ba Godileng
MAMA ONIYAN, yo o nang le dingwaga di le 68, o nna mo motseng o mogolo wa Afrika Bophirima. Fa a ne a sa ntse a le mosha, o ne a akanya ka go itumelela dingwaga tsa gagwe tsa botsofe a tlogetse tiro, a iketlile, a dikologilwe ke bana le ditlogolwana tsa gagwe. Mo boemong jwa seo o dirisa malatsi a gagwe a rekisa metsi a a tsididi mo letsatsing le le mogote thata la boboatsatsi. Madinyana a a a bonang a mo thusa go tswelela pele a tshela. Bomorwawe ba babedi ba nna kwa nageng nngwe e e kgakala. E setse e le nako e telele fa e sa le ba mo romeletse madi.
Mo dinakong tse di fetileng, batho ba ba godileng ba ne ba tlotlwa thata mo Afrika. Ba ne ba tlotlwa ka ntlha ya boitemogelo le kitso ya bone, mmogo le botlhale le temogo tse gantsi bano ba di lereng. Ba ne ba thusa go godisa ditlogolwana. Basha ba ne ba batla gore ba ba tlhagise le gore ba ba amogele. Batho ba ne ba tshela go ya ka kgakololo eno ya Baebele: “O nanoge o eme fa pele ga yo o tlhogo e pududu, o tlotle sefatlhogo sa motsofe.”—Lefitiko 19:32.
Dinako di fetogile. Lehuma, go tlhatloga ga ditlhwatlhwa, go tlhokega ga ditiro le go fudugela ga batho ba le bantsi kwa ditoropong go dirile gore batho ba le bantsi ba ba godileng ba itlhokomele. Mokaedi wa HelpAge Kenya, Camillus Were, o bolela jaana: “Tlwaelo ya go thusa le go tlhokomela batho ba ba godileng e nna e ntse e tlhokomologiwa go ya pele.”
Ke boammaaruri gore go koafala ga dibofo tsa lelapa ga se bothata jwa mo dinageng tsa Afrika fela. Lokwalodikgang lwa Guardian Weekly lo bega jaana ka Japane: “Go ratana ga ngwana le motsadi e kile ya bo e le selo sa konokono mo thulaganyong ya Sejapane ya mekgwa e mentle e e neng e tswa mo dithutong tsa Bo-Confucius, mme go ne ga nyelela fa batho ba simolola go tshela ka tsela ya metsesetoropo mme ga koafatsa dibofo tsa lelapa: gompieno, diperesente di le 85 tsa Bajapane di swela mo dikokelong kana mo magaeng a batsofe.”
Go sa kgathalesege gore seemo ke sefe, batho ba ba batlang go itumedisa Modimo ka tsela ya mmatota ba leka go tlotla batsadi ba bone. Ba utlwa kgakololo eno ya Baebele: “Tlotla rraago le mmaago . . . gore go tle go tsamaye sentle ka wena le gore o tle o tshele nako e telele mo lefatsheng.” (Baefeso 6:2, 3) Le mororo go se motlhofo ka dinako tsotlhe go tlotla le go tlhokomela batsadi ba ba godileng, go ka tlisa dituelo tse dikgolo.