LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 9/1 ts. 29
  • Maatla a go Ntlafatsa a Lefoko la Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Maatla a go Ntlafatsa a Lefoko la Modimo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa Diokobatsi Tse di Seng Kafa Molaong di Amang Botshelo Jwa Gago ka Teng
    Tsogang!—1999
  • A Ntwa Kgatlhanong le Diokobatsi e ka Fenngwa?
    Tsogang!—1999
  • Kafa o ka Sireletsang Bana ba Gago ka Gone
    Tsogang!—2003
  • Diokobatsi—Ke Eng fa Batho ba di Dirisa ka Tsela E e Sa Tshwanelang?
    Tsogang!—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 9/1 ts. 29

Pego ya Baboledi ba Bogosi

Maatla a go Ntlafatsa a Lefoko la Modimo

GO BEGIWA gore batho ba le bantsi ba ba tshwakgotsweng ke diokobatsi ba boela gape kwa mekgweng ya bone fa ba sena go ntshiwa mo mafelong a a ba thusang go fola. Mme Lefoko la Modimo le ka dira se gantsi dikokelo di palelwang ke go se dira. (Bahebera 4:12) Batho ba le bantsi ba thusitswe ke Lefoko le moya wa Modimo gore ba fenye go tshwakgolwa ke diokobatsi le go dirisa kgakololo eno: “A re intlafatseng teswafalo nngwe le nngwe ya nama le moya, re itekanedisa boitshepo mo go boifeng Modimo.”—2 Bakorintha 7:1.

Seno se bontshitswe ke boitemogelo bongwe jwa kwa Myanmar. Monna mongwe yo o neng a lwantsha go tshwakgolwa ke diokobatsi ka dingwaga di le dintsi o bolela jaana: “Ke ne ka simolola go tshwakgolwa ke diokobatsi fa ke le mo dingwageng tsa me tsa bolesome. Ka makgetlho a le mantsi ke ne ke leka go tlogela, mme ke sa kgone. E le gore ke kgotsofatse mokgwa wa me wa go dirisa diokobatsi, ke ne ka simolola go utswa. Ka ntlha ya seo, ka 1988, ke ne ka atlholelwa ngwaga o le mongwe kwa kgolegelong.

“Fa ke sena go gololwa kwa kgolegelong, ke ne ka simolola go inaakanya le ditsala tsa me tsa pele. Ka bonako fela morago ga moo ke ne ka boela gape mo mokgweng wa go dirisa diokobatsi. Mokgwa ono o o neng o le kotsi mo go nna o ne wa dira gore ba lelapa la gaetsho ba se tlhole ba dirisana le nna ka gope. Mo godimo ga moo, boikutlo jwa me jwa go tsuologa bo ne jwa dira gore batho ba le bantsi mo tikologong eo ba ntshabe, mme le bone ba ne ba simolola go nkatoga.

“Morago ga moo go ne ga diragala sengwe se se neng se ka se ka sa tilwa—ke ne ka lwala ka ntlha ya go dirisa diokobatsi ka tsela e e feteletseng. Ke ne ka busediwa gape kwa kgolegelong, mo lekgetlhong leno ke atlholetswe dingwaga tse tharo. Le mororo botshelo jwa kwa kgolegelong bo ne bo le makgwakgwa, ka tsela nngwe ke ne ka falola.

“Fa ke sena go boela gae ke tswa kwa kgolegelong, ke ne ka kopa ba lelapa la gaetsho gore ba intshwarele diphoso tse ke di dirileng mo nakong e e fetileng. Ba ne ba nkamogela gape ka bopelotshweu, mme gapegape, ditsala di ne tsa ntlhotlheletsa gore ke boele gape kwa ditseleng tsa me tsa pele.

“Kgabagare, nkoko o ne a akantshana le moruti mongwe wa mo lefelong leo gore ke tsene sekolo se se rileng sa Baebele. Moruti yono o ne a dumela. Le fa go ntse jalo, pele ke simolola go se tsena, rakgadi, yo e leng mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o ne a bolela gore fa e le gore tota ke batla go ithuta Baebele, ke tshwanetse go ithuta le Basupi.

“Ke ne ka ya kwa Holong ya Bogosi mme ke ne ka itsisiwe monna mongwe yo o neng a dumela go ithuta Baebele le nna. Batho ba le bantsi ba ba neng ba le gone ba ne ba ntumedisa ka lorato mme ba ntira gore ke ikutlwe ke amogelesega.

“Fa ke sena go simolola go ithuta Baebele le go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete, go eletsa diokobatsi mo go feteletseng go ne ga emisediwa ke go eletsa go nna gaufi le Modimo. Morago ga ngwaga ke ne ke gatetse pele thata mo ke neng ka tshwanela go neela botshelo jwa me mo go Jehofa Modimo, mme ke ne ka bontsha boineelo joo ka kolobetso ya metsi.

“Bosheng jaana, fa ke ntse ke tsamaya ka ntlo le ntlo, ke ne ka kopana le nngwe ya ditsala tsa me tsa pele e e neng e dirisa diokobatsi. O ne a sa dumele gore ke fetogile ka tsela eno. Seno se ne sa dira gore ke mo neele bosupi, mme ka kgona go bua le ene ka tsholofelo ya Bogosi.

“Kgabagare ke bone boikaelelo jwa boammaaruri mo botshelong le lebaka la go bo re tshela. Ka thuso ya Modimo le ka kgakololo ya Lefoko la gagwe, jaanong ke kgona go thusa ba bangwe gore ba tlogele mokgwa o o senyang wa go tshwakgolwa ke diokobatsi.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela