LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 8/15 ts. 32
  • Ba Ile ba Ema ba Nitame mo Pogisong ya Bonasi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ba Ile ba Ema ba Nitame mo Pogisong ya Bonasi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 8/15 ts. 32

Ba Ile ba Ema ba Nitame mo Pogisong ya Bonasi

BOTHOKGAMI jo bo pelokgale jwa Basupi ba ga Jehofa kwa Jeremane ya Bonasi bo farologane thata le boemo jo dikereke tsa Labokeresete di ileng tsa bo tsaya. Seno se ne sa tlhalosiwa ke porofesa wa hisitori e bong John Weiss mo bukeng ya gagwe ya Ideology of Death. O kwala jaana:

“Ka 1934 kereke ya Evangelical e ne ya gatelela gore Banasi ba ‘amogelwe ke Balutere,’ mme ba leboga ‘Morena Modimo’ ka go bo a ile a naya Bajeremane ‘mmusimogolo yo o ineetseng le yo o ikanyegang.’ . . . Mobishopo mongwe wa Moporotesetanta o ne a kwalela moruti wa gagwe a re, ‘[Hitler] o rometswe ke Modimo mo go rona.’” Weiss o tswelela pele jaana: “Kereke ya Bajeremane ya Methodist . . . e ne ya dumalana le Mobishopo Dibelius gore Hitler o bolokile Jeremane mo boepapusong jwa Bolshevik a tlisa kagiso le thokgamo . . . Kereke ya Ba-Mormon e ne ya gakolola maloko a yone a a ikanyegang gore go ganetsa Hitler e ne e tla bo e le go tlola molao wa Bo-Mormon.” Mme o oketsa jaana: “Bakatoliki ba ne ba bolelelwa gore e ne e le tirelo e e boitshepo go ikobela puso e ntšha, tirelo e le ka motlha e ileng ya se ka ya tlosiwa tota le morago ga fa baruti ba ne ba utlwile ka dilo tse di maswemaswe tse di neng di diragala kwa botlhaba.”

Mme go tweng ka Basupi ba ga Jehofa? Porofesa Weiss o tlhalosa gore “jaaka setlhopha, Basupi ba ga Jehofa ke bone fela ba ba ileng ba emelana le Banasi.” Porofesa Weiss o tswelela pele jaana: “Mo go ba le dikete di le masome a mabedi, ke ba le dikete di le tlhano fela ba ba ileng ba falola mo ntweng, le fa go ntse jalo Mosupi ope fela yo o neng a romelwa kwa kampeng ya pogisetso o ne a ka gololwa fa fela a ne a ka saena pampiri e mo go yone a itatolang tumelo ya gagwe.”

Malebana le bothokgami jwa Basupi ba ga Jehofa, Porofesa Weiss o akgela jaana: “Sekao sa bone se supa bothokgami jo bo sa fetogeng le bopelokgale jo bo neng bo le mo Bokereseteng jwa bogologolo pele ga go tlhomiwa ditheo le maitlamo mo setšhabeng go fekeetsa tsela ya go tshela botshelo jwa go boloka bothokgami. Jaaka moruti mongwe wa Moporotesetanta a ne a kwala ka bone, ‘Ga go na dikereke dipe tse di itsegeng, fa e se fela batho bano ba ba senngwang leina le go sotliwa ba ba ileng ba ema ba nitame kgatlhanong le bogale jwa Bonasi, le ba ba iteteileng sehuba go lwa go ya ka tumelo ya bone.’”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela