LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 7/1 ts. 32
  • Fa Basupi ba ga Jehofa ba go Etela

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Fa Basupi ba ga Jehofa ba go Etela
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 7/1 ts. 32

Fa Basupi ba ga Jehofa ba go Etela

Ke eng se Bakatoliki ba tshwanetseng go se dira fa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a etela mo legaeng la bone? Kgatiso nngwe ya bosheng jaana e e neng e gatisitswe ke National Catechistic Bureau of the Italian Bishops’ Conference e bolela jaana: “Go gana go buisana le bone ka bopelonomi, le fa go ntse jalo ka nitamo, mo kgannyeng eno ga se go tlhoka lorato.”

Ga se Bakatoliki botlhe ba ba dumalanang le seo, jaaka go bontshitswe mo lekwalong le le neng la romelwa kwa lokwalodikgannyeng lwa Gazzetta del Mezzogiorno lwa letsatsi le letsatsi ke monna mongwe yo o nnang kwa Foggia, kwa Italy:

“Ga ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Ke Mokatoliki. Mme ke gakgamadiwa ke melao mengwe e kereke e e neelang maloko a a ikanyegang, e a bolelela gore a ngaparetse dikitsiso mo magaeng a bone tse di kobang Basupi ba ga Jehofa. Legale, batho bano ba rera fela Lefoko la Modimo, mme ba thusa batho ba bangwe gore ba nne le kitso e e oketsegileng ya Baebele. Seno se nkgakolola nako e mo go yone Italy e neng ya tlhaselwa ke bolwetse jwa kholera mme re ne ra neelwa kgakololo ya gore re ka bo tila jang gore bo se ka jwa re tsena.

“Ka fa ke akanyang ka gone, seno se bontsha gore kereke e ntsha melao ya yone e sa akanyetse dikeletso tsa maloko a a ikanyegang. Mme go fetile dingwaga di le dintsi jaanong, ke bone gore le Bakatoliki tota ba tsamaya ka ntlo le ntlo, le bone ba etela magae a Basupi ba ga Jehofa; mme ba a ba amogela, ba bua le bone, ba sa gane motho ope.”

Basupi ba ga Jehofa ga ba pateletse ope go amogela molaetsa wa bone. Go na le moo, ba leka go abela ba bangwe tsholofelo e e mo Lefokong la Modimo e bone ba e boneng e gomotsa tota mo metlheng eno ya matshwenyego. Fa ba tsamaya ka ntlo le ntlo, mmogo le go bua le bao ba kopanang le bone mo mmileng, Basupi ba ga Jehofa ba a bo ba abela batho ba ba ratang go reetsa dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo.—Mathaio 24:14; Ditiro 5:42; 17:17.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela