Go Tlhomamisa Gore Go na Le Dijo Tse di Lekaneng mo Lefatsheng—Jang?
“MAITEKO a rona a a molemolemo a ka tswa a sa lekana go tlhomamisa gore re nne le dijo tse di lekaneng mo e ka nnang mo lekgolong leno lotlhe,” go bolela jalo Lester Brown, poresidente ya Worldwatch Institute kwa Washington, D.C. Go ya ka makasine wa New Scientist, mo masimologong a 1995, mabele a a bolokilweng a lefatshe a ne a wela kwa tlase ka ditone di le dimilione di le 255—tse di lekaneng go otla lefatshe ka malatsi a le 48 fela. Mo dingwageng tse di fetileng fa mabele a a bolokilweng a ne a ya kwa tlase mo a ka otlang batho ka malatsi a le 60 fela, a ne a ka kgona go okediwa. Mme gone jaanong Worldwatch ga e tlhomamisege ka gore a lefatshe le ka kgona go tlatsa gape se se latlhegileng.
Morago ga dingwaga tse tharo tsa thobo e e bokoa le go oketsega ga dinaga tse di tlhabologang tse di dirisang mabele go fepa maruo a tsone, mabele a go otla bahumanegi ba ba a tlhokang jaaka sejo se segolo a nna a fokotsega. Makasine wa New Scientist o tlhagisa gore fa boemo jono bo sa baakanngwe ka bonako, batho ba ba dimilione di le sekete ba ba dirisang diperesente di le 70 tsa madi a bone go reka dijo ba ka nna ba simolola go bolawa ke tlala.
Baebele e ne ya bolelela pele gore baagi ba lefatshe ba tla nna le “ditlhaelo tsa dijo.” (Luke 21:11) Le fa go ntse jalo, Modimo ga a itlhokomolose bothata jono. Ee ruri, go amega ga gagwe ka mathata a batho go tla bonala kgabagare fa Bogosi jwa gagwe bo laola lefatshe. Ka nako eo ‘lefatshe le tla ntsha totafalo ya lone.’ “Go tlaa nna letlotlo la mabele mo lefatsheng, mo ditlhoeng tsa dithaba; loungo lwa one lo tlaa ebelega.” (Pesalema 67:6; 72:16) Mme ka nako eo mafoko ano a boporofeti a a malebana le Mmopi a tla diragadiwa: “O a tle o lekole lefatshe, . . . o le humise thata; . . . mekgatšha e khurumediwe ka mabele.”—Pesalema 65:9, 13.
A tsholofetso e e itumedisang eo e a go kgatlha? A o ka rata go itse gore o ka dira jang gore o e bone? He kopa Basupi ba ga Jehofa gore ba go bolelele mo go oketsegileng ka Paradaese e e solofeditsweng fa ba tla gape kwa ntlong ya gago. Fa o rata gore mongwe a go etele kwa legaeng la gago go go tshwarela thuto ya Baebele ya mahala, tsweetswee kwalela Watch Tower, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, South Africa, kana kwa atereseng e e tshwanetseng e e mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 2.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 32]
Inset: Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.