A re Tla Tsamaya re Gololesega mo Ditiragalong Tseno?
GONGWE le gongwe kwa re yang teng mo metlheng eno, re bona go tlhalosiwa ka mathata, kgotlhang le ntwa. Mme makasine ono ga o ikaelele go oketsa dikgang tsotlhe tse di seng monate tse o setseng o di itse. Go na le moo, makasine ono o o kgethegileng o tla go bontsha bobotlana boammaaruri bo le bobedi jo bo gomotsang. Sa ntlha, gore boporofeti jwa bogologolo jo bo mo Baebeleng tota bo ne jwa bolelela pele ka bontsi jwa dikgang tse di seng monate tse di tshosang tsa motlha wa rona; sa bobedi, gore yone buka eno ya boporofeti e bolelela pele ka letsatsi le mo go lone ditiragalo tse di jaaka tse di tshwantshitsweng fano di tla bong di fetile. Go sa tlhole go na le dintwa. Go sa tlhole go na le dibomo, go se na batho ba ba thuntshang ba bangwe ba iphitlhile, go se na dibetsa tse di epelwang mo mmung, kana borukutlhi. Go sa tlhole go na le masiela a a hutsafetseng kana batshabi ba ba se nang magae. E le lefatshe la mmatota, le le nang le kagiso e e ritibatsang pelo. A o ne o ka rata go bona nako e e ntseng jalo? Re go rotloetsa gore o sekaseke se Baebele e se bolelang. O ka gomodiwa thata ke yone go gaisa jaaka o ne o ka akanya.