LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 4/1 ts. 30-31
  • Lenyalo la Dingwaga Tse 403 le mo Mathateng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lenyalo la Dingwaga Tse 403 le mo Mathateng
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 4/1 ts. 30-31

Lenyalo la Dingwaga Tse 403 le mo Mathateng

KWA Sweden, Kereke le Puso ya Naga di ne di ntse di utlwana thata ka dingwaga tse di fetang 400. Gone jaanong lenyalo le le fa gare ga bodumedi le puso le a reketla.

Kereke ya Lutere e ne ya tlhomiwa e le bodumedi jwa Puso ya Naga ka 1593, mme Ba-Sweden botlhe ba ne ba tshwanetse go nna maloko a yone a a kolobeditsweng. Dingwaga di le dintsi morago ga moo, mo dingwageng tsa bo1850, go ne ga dirwa phetogo nngwe. Go ne go sa tlhole go tlhokega gore Ba-Sweden ba kolobediwe; le fa go ntse jalo, ba ne ba ntse ba tsewa e le maloko a Kereke ya Lutere. Ka ntlha ya seo, ba ne ba tshwanelwa ke go duela peresente e le 1 ya madi a bone a lekgetho e le go tshegetsa kereke le go duela ditirelo tse di rileng tsa loago tse di dirwang ke kereke. Bosheng jaana go ne ga nna le phetogo e nngwe. Go simologa ka 1952, Ba-Sweden ba ne ba ka kgona go tlogela kereke kafa molaong mme ka gone ba bo ba sa tlhole ba duela karolo e kgolo ya lekgetho la kereke.

Mo dingwageng tsa bosheng jaana Kereke ya Lutere e sa ntse e ntse e reketla kwa Sweden. Seno se jalo, ka gonne diperesente di le 10 tsa baagi ba Sweden ke batswakwa ba e seng Balutere, ba ba akaretsang Bajuta, Bakatoliki le Bamoselema. Ka gone, fa 1996 e ne e simologa, e ne e le diperesente di le 86 tsa Ba-Sweden ba ba neng ba tsena Kereke ya Lutere, mme palo eno e sa ntse e fokotsega.

Go tlhoka kgatlhego mo go ntseng go oketsega go dira gore Kereke le Puso ya Naga di kgaogane. Go setse go boletswe gore ga go tlhokege gore kgosi e bo e le Molutere, mme bana ba ba tsholwang ke motsadi wa Molutere ga ba tsewe fela gore ke maloko a Kereke ya Lutere ya Puso ya Naga. Mo godimo ga moo, lokwalodikgang lwa The Dallas Morning News lo bolela gore ka ngwaga wa 2000, “maloko a kereke ya naga eo le puso ya naga di tshwanetse go tlhatlhoba le go kgaogana dilo tse dintsi tsa kereke. Kereke e tshwanetse go fokotsa tekanyetso ya yone ya madi a a dikete tse dimilione di le 1,68 tsa didolara [dimilione tse 7 850 tsa diranta] ya ngwaga le ngwaga, a bontsi jwa one a bonwang ka go tsewa ga makgetho.” Fa lekgolo leno la dingwaga le sena go feta, kereke e tla bo e itlhomela bobishopo ba yone.

Fa maloko a Labokeresete a sa tlhole a na le kgatlhego e bile a fokotsega, Basupi ba ga Jehofa kwa Sweden bone ba tswelela pele ba oketsega. Buka ya 1997 Yearbook of Jehovah’s Witnesses e bega gore go na le baboledi ba Bogosi jwa Modimo ba le 24 487 mo nageng eo, mme ba ba ka nnang diperesente di le 10 ba rera e le badiredi ba babulatsela ba nako e e tletseng. Ba le bantsi ba bone ba nna le ditshiamelo tse di oketsegileng tsa tirelo. Ka sekai, mo dikopanong tsa kgaolo tsa 1995 tsa Basupi ba ga Jehofa, banyalani ba le 20 ba ne ba dira dikopo tsa go thapisediwa go nna barongwa kwa Sekolong sa Baebele sa Watchtower sa Gileate. Ka yone nako eo, go ne go setse go na le baalogi ba Ba-Sweden ba le 75 ba ba neng ba le mo ditlhopheng tse di fetileng ba ba neng ba le mo tirelong ya borongwa kwa dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe. Kwantle ga pelaelo, sekao sa bone se se molemo le makwalo le diketelo tsa bone tse di kgothatsang di tlhotlheletsa bao gone jaanong ba batlang go tsenela tshiamelo eno e kgolo.

Ka gone, jaaka dimilione tsa batho ba Labokeresete di ntse di wa mo semoyeng, Basupi ba ga Jehofa ba “opela ka go thama ga pelo.”—Isaia 65:13, 14.

[Mmapa mo go tsebe 30]

(For fully formatted text, see publication)

Sweden

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela