Go Nna le Tumelo mo Modimong—A go Tlhokega Gore go Nne le Kgakgamatso?
ALBERT o ne a le mo dingwageng tsa gagwe tsa bo20 fa a simolola go batla Modimo. O ne a leka ditumelo di le mmalwa mme a nna a sa kgotsofala. Fa a ntse a bala dikarolo tsa Baebele, o ne a ithuta gore Modimo o ne a dirisana jang le batho ba ba ntseng jaaka Noa, Aberahame, Sara le Moshe. Albert o ne a iphitlhela a rata Modimo wa Baebele. Lefa go ntse jalo, a o ne a ka tlhomamisega gore tota Modimo o teng?
Maitseboa mangwe Albert o ne a tsamaya ka koloi a ya kwa lefelong le le kwa thoko koo a neng a rapela a re, “Tsweetswee Modimo, nneye sesupo—sengwe le sengwe fela se se ka supang gore o teng.” Albert o ne a leta, a bo a leta. O gakologelwa gore fa go ne go sa diragale sepe, tebelelo ya gagwe e ne ya “fetoga go kgobega marapo, go ikutlwa a le lolea, a galefile.”
Fela jaaka Albert, batho ba le bantsi ba akanya gore ba batlile Modimo kwantle ga matswela ape. Ba ka tswa ba tlhakanngwa tlhogo ke dithero tsa baruti kana ba kgobiwa marapo ke go dira kgwebo ga bareri ba thelebishene. E re ka ba amiwa ke boitimokanyi jo bo bonalang fa gare ga ba le bantsi ba baagisani ba bone, bangwe ga ba tlhomamisege gore ba dumele eng. Lefa go ntse jalo, Kgosi Dafite wa Iseraele wa bogologolo o ne a tlhomamisetsa morwawe Solomone jaana: “Fa o mmatla [Modimo], o tlaa bonwa ke wena.”—1 Ditirafalo 28:9.
Gone he, Modimo o itshenola jang? A o tshwanetse go lebelela go bona sesupo—sengwe se se sa tlwaelegang go go bontsha gore Modimo o teng? Go ya ka dipalo tse di badilweng bosheng jaana tse di begilweng mo makasineng wa Time, Baamerika ba ba fetang peditharong ba dumela mo dikgakgamatsong. Setlhogo seo gape se ile sa tlhalosa gore “dikereke tse di oketsegang ka bonako kwa Amerika ke diphuthego tsa Phodiso le tsa Pentekosete tse kobamelo ya tsone e amanang thata le ‘ditshupo le dikgakgamatso.’”
A tota go tlhokega “ditshupo le dikgakgamatso” gore motho a dumele mo Modimong? O ne a dirisa dikgakgamatso mo nakong e e fetileng. Go tshwantsha: Saulo wa Tareso, yo o neng a bogisa balatedi ba Morwa Modimo e bong Jesu Keresete, o ne a diragalelwa ke selo se se sa tlwaelegang thata fa a ne a le mo tseleng e e tswang kwa Jerusalema a ya Damaseko. Tiragalo eno ya kgakgamatso e e neng e amana le Jesu yo o tsositsweng e ne ya dira gore Saulo a sokologe. (Ditiro 9:1-22) Ka jalo, yo e neng e le mmogisi pele o ne a nna moaposetoloi Paulo—mongwe wa babueledi ba bagolo ba Bokeresete!
Mme gone a ka metlha dikgakgamatso di dira gore batho ba arabele ka tsela e e siameng jaana? A go nna le tumelo ya boammaaruri mo Modimong go ikaegile ka gore motho a diragalelwe ke kgakgamatso nngwe?
[Setshwantsho mo go tsebe 3]
Morwa Modimo o ne a bua ka tsela ya kgakgamatso le Saulo wa Tareso. A o tshwanetse go lebelela go bona kgakgamatso?