Ke Mang yo o Laolang?
“KE MANG yo o busang lefatshe?” Fa mongwe a ne a ka go botsa potso eno, o ne o tla araba jang? Batho ba le bantsi ba ba ratang bodumedi ba ne ba ka nna ba re ke “Modimo” kana “Jesu.” Setlhogo sengwe se se mo The Freeport News, e leng lokwalodikgang lwa kwa Bahamas, lo ne lwa araba ka tsela e batho ba sekae ba neng ba ka araba ka yone.
Mokwadi wa setlhogo seno o simolola jaana: “Ke ne ka bona pampitshana mo kgorong ya ntlo ya me. Gantsi ga nke ke tlhokomela go bala dilo tse di beilweng jalo, mme mo lekgetlhong leno ke ne ka swetsa ka gore ke e bale. Setlhogo sa teng se ne se re, ‘Ke Mang Tota yo o Busang Lefatshe Leno?’” Ka go bala pampitshana e e theilweng mo Baebeleng, mosadi yono o ne a ithuta gore mmusi wa lefatshe leno ga se Modimo kana Jesu mme ke Satane Diabolo.—Johane 12:31; 14:30; 16:11; 1 Johane 5:19.
Pampitshana eno e tlhalosa jaana: “Akanya kafa batho ba itshelang moriti o o tsididi ka tsela e e feteletseng ka gone fa ba dira bosetlhogo jo bo seng kana ka sepe. Batho ba ile ba dirisa dikamore tsa gase, dikampa tsa pogisetso, mathompo a molelo, dibomo tsa molelo, mmogo le mekgwa e mengwe ya bodiabolo ya go tlhorontshana le go bolaana go sa rekegelanwe. . . . Ke eng se se tlhotlheletsang batho go dira ditiro tse di ferosang sebete go le kalo kana seo se ba gogelang mo maemong ao fa ba le mo go one ba ikutlwang ba patelesega go tlhokofatsa ba bangwe? A ga o ise o ke o tsamaye o ipotse gore a go ka ne go se na maatla mangwe a a boikepo, ao re sa kgoneng go a bona ka matlho ao a tlhotlheletsang batho gore ba dire ditiro tse di ntseng jalo tsa bothubaki?” A go a gakgamatsa go bo Baebele e bitsa Satane e re “modimo wa tsamaiso eno ya dilo”?—2 Bakorinthe 4:4, NW.
Se se itumedisang ke gore nako e gaufi e Satane le badimona ba gagwe ba tla bong ba sa tlhole ba le gone. “Lefatshe le a feta le thato ya lone; mme yo o dirang go rata ga Modimo o ntse ka bosakhutleng.” (1 Johane 2:17) Ee, Baebele e solofetsa gore ba ba dirang thato ya Modimo ba na le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng le lesha la tshiamo. (Pesalema 37:9-11; 2 Petere 3:13; Tshenolo 21:3, 4) A bo re tla wela makgwafo jang ne fa tlhotlheletso e e bosula ya ga Satane le badimona ba gagwe e tlositswe!
Fa mokwadi wa setlhogo seno sa The Freeport News a sena go sobokanya mafoko a pampitshana eno, o ne a konela jaana: “Ke itumetse tota go bo ke badile pampitshana eo . . . ka gonne le nna ke ne ke amegile ka seemo sa lefatshe, le gore ke mang a le laolang.”