Phenyo e Nngwe ya Basupi ba ga Jehofa Kwa Gerika
KA October 6, 1995, kgetsi nngwe e e kafa molaong e e neng e akaretsa badiredi ba babedi ba nako e e tletseng ba Basupi ba ga Jehofa e ne ya reediwa ke maloko a mararo a Kgotlatshekelo ya Mmakaseterata kwa Athene. Ba ne ba latofadiwa ka go sokololela batho mo bodumeding, mme boikuelo bo ne jwa dirwa ke lepodise lengwe morago ga gore Basupi bano ba etele kwa legaeng la lone.
Dipotso tse di neng tsa bodiwa ke moatlhodi yo o neng a okametse di ne di bontsha gore o kgatlhegela tiro ya Basupi ba ga Jehofa thata. Ka sekai, o ne a botsa jaana: “Lo na le nako e kae lo dira tiro eno? Batho ba ntse ba le tshwara jang mo dingwageng tse di fetileng? Batho ba arabela jang mo tirong ya lona? Ke eng se lo se bolelelang batho fa lo tsena mo matlong a bone?” Batho botlhe ba ba neng ba le teng mo ntlong ya kgotlatshekelo ba ne ba reeditse ka kelotlhoko bosupi jono jo bo molemo fa bo ne bo neelwa.
Basupi ba ne ba sa lebelela gore tota le mosekisi yono o ne a ka ba buelela. “Basupi ba ga Jehofa ba na le tshwanelo ya semolao ya go dumela le go obamela Modimo wa bone,” o ne a akgela jalo fa a konela kgang ya gagwe, “mme gape ba na le tshwanelo ya go anamisa tumelo ya bone ka ntlo le ntlo, mo mafelong a botlhe le mo mebileng, tota le go anamisa dibuka tsa bone mahala fa ba batla go dira jalo.” Mosekisi yono o ne a nopola ditshwetso tse di farologaneng tsa go tlhokwa molato tse di neng tsa dirwa ke dikgotlatshekelo le Khansele ya Puso. Gape o ne a bolela ka kgetsi ya Kokkinakis v. Greece, e European Court of Human Rights e neng ya swetsa e bueletse Basupi ba ga Jehofa.a “Tsweetswee elang tlhoko,” go ne ga tlhagisa jalo mosekisi, “gore puso ya Gerika e ile ya bo ya duela molato wa kgetsi eno. Ka jalo re tshwanetse go nna kelotlhoko thata fa re bidiwa gore re atlhole dikgetsi tse di ntseng jalo. Tota e bile, dikgetsi tse di ntseng jaana ga di a tshwanela go tlisiwa mo kgotlatshekelong kwa tshimologong fela.”
Fa mosekisi a se na go bua, go ne go se na sepe se se kalo se moitsemolao wa Basupi a neng a ka se bua. Lefa go ntse jalo, o ne a tsaya sebaka seno go gatelela gore molao wa go sokololela batho mo bodumeding ga o mo molaotheong le gore seo se ntse se tlhabisa Gerika ditlhong go ya ka ditšhaba tsotlhe.
Moatlhodi yo o neng a okametse o ne a tadinya baatlhodi ba bangwe ba babedi, mme ba dumalana gore mokaulengwe le kgaitsadi ba ne ba se na molato. Tsheko eno, e e tsereng ura le metsotso e lesome, e ne e le phenyo mo leineng la ga Jehofa le la batho ba gagwe.
E ke kgetsi ya bonè ya go sa bonwe molato e e neng e akaretsa dikgetsi tsa go sokololela batho mo bodumeding morago ga gore kgetsi ya Kokkinakis e reediwe ke European Court of Human Rights. Basupi ba ga Jehofa kwa Gerika ba itumelela gore mathata a a malebana le go rera ga bone jaanong ga a sa tlhole a le teng le gore go a kgonega go tsweledisa tiro eno go se na sekgoreletsi.
[Ntlha e e kwa tlase]