LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 1/15 ts. 32
  • A Ditshenolo Tsotlhe di Tswa go Modimo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Ditshenolo Tsotlhe di Tswa go Modimo?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 1/15 ts. 32

A Ditshenolo Tsotlhe di Tswa go Modimo?

AMOYA wa Modimo, o o tlhotlheleditseng Baebele e e Boitshepo, e ka tswa e le one gape o tlhotlheleditseng dibuka tse dingwe tse bangwe ba tsayang gore di boitshepo? (2 Timotheo 3:16) Potso eno e ne ya bodiwa mo lokwalopakeng lwa Sejesuite la kwa Italy (La Civiltà Cattolica), lo lo gatisitsweng “kafa tlase ga kaelo ya [Vatican] Secretariat of State” mme ka ntlha ya seo lo ne lo lebiwa lo le boammaaruri mo Bokatoliking.

Lokwalopaka lwa Sejesuite lo ne lwa bolela jaana: “Modimo, ka go dirisa Moya o o Boitshepo, o ne a anamisa peo ya Lefoko tota le mo dibukeng dingwe tse di boitshepo tse e seng tsa ngwao ya Sejuta le tse e seng tsa ngwao ya Bokeresete.” Mo Bajesuiteng, dibuka tse di “boitshepo” tse di jaaka Avesta ya Ba-Zoroaster kana Dibuka tse Nnè tsa Bo-Confucius, di ne di kwadilwe, “ka tlhotlheletso nngwe ya Moya o o Boitshepo, mme ka jalo, ka tsela nngwe di ‘na le tshenolo ya Modimo.’”

Lefa go ntse jalo, setlhogo seo se ne sa phepafatsa go ya pele. “Ga se gore sengwe le sengwe se se mo dibukeng tse di ntseng jalo tse di boitshepo ke lefoko la Modimo,” se bolela jalo, se bo se oketse ka gore batho ba ba kwadileng dibuka tseo ba ka nna ba bo ba ile ba “tlhotlhelediwa ke mafelo a madumedi a a dumelang mo medimong e mentsintsi kana a megopolo ya botlhajana” a ba neng ba nna kwa go one le go dira dilo kwa go one. Go ya ka Marco Politi, mmegadikgang tsa Vatican wa lekwalodikgang la Italy la La Repubblica, kakanyo eno “e dira gore go kgonege gore go nne le kamano gareng ga Kereke ya Katoliki le madumedi a magolo a hisitori e pele go neng go ka se akanngwe gore e tla nna teng,” e leng selo se se busetsang moya wa go kopana mmogo ga ditumelo tse dintsi tse di farologaneng go tla go rapela go go tshwanang le go go neng go dirwa kwa Assisi ka 1986, go John Paul II a neng a go ema nokeng thata.

Jehofa ga se Modimo wa tlhakatlhakano le yo o senang thulaganyo. (1 Bakorinthe 14:33) Ka jalo, re ka se ka ra swetsa gore moya wa gagwe o o boitshepo kana maatla a gagwe a a dirang, a ka tlhotlheletsa tota le karolo nngwe ya dibuka dipe fela tse di sa dumalaneng ka botlalo le Lefoko la gagwe e leng Baebele. Go na le go tlhotlheletsa boikutlo jwa go amogela dikakantsho tsotlhe tse di leng fa gare ga “dingwao tsa bodumedi” tse di farologaneng, moaposetoloi wa Mokeresete Paulo o ne a kwala gore go na le “tsholofelo, e le nngwe fela . . . , Morena a le mongwe fela, tumelo e le nngwe fela, kolobetso e le nngwe fela.”—Baefeso 4:4, 5.

“Tsholofelo e le nngwe fela” eo e ikaegile ka go dumela mo go Jesu Keresete. Baebele e bolela jaana ka tshwanelo: “Ga go na poloka mo go ope o sele; le gone ga go na leina lepe le sele fa tlase ga legodimo, le batho ba le neilweng, le re nang le go bolokwa mo go lone.” (Ditiro 4:12) Ga go na “buka e e boitshepo” epe gape e e tlhalosang Jesu e le motho yo o botlhokwatlhokwa mo go diragatseng maikaelelo a Modimo. Ke fela fa re ka amogela Baebele jaaka Lefoko la Modimo e ka re rutang paakanyetso e e lorato ya ga Jehofa Modimo ya poloko.—Johane 17:3; 1 Bathesalonika 2:13.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela