Melemo ya Pelo e e Ritibetseng
SAENSE ya kalafi ya segompieno kgale e ntse e itse gore go galefa ka tsela e e sa laolesegeng go ka nna le ditlamorago tse di kotsi mo mmeleng wa motho. Dingwaga tse di lekgolo tse di fetileng, The Journal of the American Medical Association (JAMA) e ne ya bolela jaana: “Motho o a swa ka ntlha ya go galefa thata, mme gongwe go bo go twe o ne a na le pelo e e bokoa, e e neng e sa kgone go emelana le kgatelelo e e bakiwang ke maikutlo a gagwe. Go bonala go sena ope yo o akanyang gore loso lwa gagwe lo bakilwe ke go nna a ntse a galefile ka nako e telele, e leng sone selo se se dirileng gore a nne le pelo e e bokoa.”
Mafoko a a fa godimo ga a ka a gakgamatsa baithuti ba Lefoko la Modimo, Baebele. Makgolo a dingwaga a le 29 a a fetileng pele ga JAMA e ka tlhalosa kotsi ya go fela pelo, Kgosi Solomone o ne a tlhotlhelediwa go kwala jaana: “Pelo e e thethebetseng fela ke botshelo jwa nama.” (Diane 14:30) Mafoko ano a santse a le boammaaruri le gompieno.
Fa re nna re ritibetse, ga re kitla re nna le malwetse a a bakiwang ke go tshwenyega, a a ntseng jaaka kgatelelo e e kwa godimo ya madi, go opiwa ke tlhogo le mathata a go hema. Lefa go ntse jalo, mo godimo ga gore botsogo jwa rona bo tokafale, dikamano tsa rona le batho ba bangwe di tla nna molemo fa re ka leka go ‘bakela bogale, le go lesa kgakalo.’ (Pesalema 37:8) Batho ba ne ba rata Jesu fela ka tlholego ka go bo a ne a le bonolo e bile a amega ka bone go tswa pelong. (Mareko 6:31-34) Ka mo go tshwanang, re tla lapolosa batho ba bangwe fa re leka go nna le pelo e e ritibetseng.—Mathaio 11:28-30.