LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 11/1 ts. 27
  • “Mpho e e Itumedisang Tota e e Tswang Kwa go Jehofa”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Mpho e e Itumedisang Tota e e Tswang Kwa go Jehofa”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Lo Fetotse Boikutlo Jwa me ka Basupi ba ga Jehofa”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Go Phatlalatsa Mafoko a a Molemo a Sengwe se se Botoka
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Mogodi yo o Bontshang Kanaanelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Go Tsamaisa Peeletso ya Tora ya Tebelo ka May
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 11/1 ts. 27

“Mpho e e Itumedisang Tota e e Tswang Kwa go Jehofa”

TOKOLOLO ya May 1, 1996, ya Tora ya Tebelo e ne ya tlotla ka mo go tseneletseng ka boitlhaodi jwa Bokeresete le kafa re ka lekalekanyang ka teng dilo tse re di direlang Jehofa le “Kaesare.” (Mathaio 22:21) Ba le bantsi ba ile ba bolela fa ba itumelela tshedimosetso e ntšha eno. Mongwe o ne a supa ka lekwalo le le latelang, le le kwadilweng ke Mosupi mongwe wa kwa Gerika mme a kwalela Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa:

“Ke batla go lo leboga thata bakaulengwe ba me botlhe ba ba rategang ka go re tlamela thata jaana semoyeng. Ke itumelela thata dikgopolo tse di molemo tse di mo tokololong ya Tora ya Tebelo ya May 1, 1996, morago ga go fetsa dingwaga di le robongwe mo kgolegelong ka ntlha ya tumelo ya me jaaka Mokeresete. (Isaia 2:4) Seno e ne e le mpho e e itumedisang tota e e tswang kwa go Jehofa.—Jakobe 1:17.

“Fa ke ntse ke bala ditlhogo tseno, ke ne ka gakologelwa kakgelo eno e e mo makasineng mongwe o o fetileng wa Tora ya Tebelo (August 1, 1994, tsebe 14): ‘Go phepafetse gore go nna tekatekano ke nonofo e e tlhwatlhwakgolo, e e re tlhotlheletsang gore re rate Jehofa thata.’ Ee, bakaulengwe, ke leboga Jehofa go bo ke le mo mokgatlhong wa gagwe o o pelonomi le o o lorato, o o bontshang botlhale jwa gagwe ka tsela e e phepafetseng.—Jakobe 3:17.

“Lesedi le le oketsegileng le le bonesitsweng ke Tora ya Tebelo ya May 1 le ile la itumelelwa thata mono Gerika, segolobogolo ke bao ba feditseng dingwaga di le mmalwa mo kgolegelong kana ba ba santseng ba le mo kgolegelong ka ntlha ya tumelo ya bone. Ke lo leboga gape. A Jehofa a lo nonotshe ka moya wa gagwe gore lo tswelele lo re naya dijo tse di botlhokwa tseno tsa semoya mo metlheng eno e e tletseng mathata.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela