LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 11/1 ts. 32
  • “Re ba Lelapa le le Lengwe”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Re ba Lelapa le le Lengwe”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 11/1 ts. 32

“Re ba Lelapa le le Lengwe”

MO DINGWAGENG tsa bosheng go tlhaolana ka ntlha ya bodumedi le ka lotso go ile ga anama thata mo lefatsheng. Dikgogakgogano tse di fa gare ga ditso di ile tsa baka dipolaano, go bogisiwa le masetlapelo a mangwe a a tlhabisang ditlhong. Go ya ka pego ya Amnesty International, batho ba le dimilione di le 23 mo lefatsheng lotlhe ba ile ba tshwanela go sia ba tlogela magae a bone ka 1994 ka ntlha ya go bo ditshwanelo tsa bone di gatiwa fela ka dinao.

Kwa Rwanda fela, batho ba ba ka nnang 500 000 ba ne ba bolawa, mme ba bangwe gape ba ba fetang 2 000 000 ba ne ba fetoga batshabi fa go sena go tsoga thubakanyo fa gare ga Batutsi le Bahutu. “Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bogisiwa thata ka ntlha ya go gana go tshola dibetsa,” go bega jalo lokwalodikgang lwa kwa Belgium, Le Soir. Basupi ba ga Jehofa ga ba nne le seabe mo dintweng tse di lowang ka dibetsa. Lefa go ntse jalo, makgolokgolo a bone a ne a bolawa mo thubakanyong eo. Seno se re gakolola mafoko ano a Jesu a neng a a bolelela barutwa ba gagwe: “E re ka lo se ba lefatshe, . . . ke gone lefatshe le lo ilang.”—Johane 15:19.

Go ne go na le lelapa lengwe la Basupi—Eugène Ntabana, mosadi wa gagwe, le bana ba babedi—le le neng le nna kwa moshateng, kwa Kigali. Gantsi Eugène o ne a bua ka bougainvillea, mofeige o o itharang o o tlhogang kwa mafelong a a bothito, fa a ne a bua le baagelani ba gagwe ka boitlhaodi jwa Bokeresete.—Mathaio 22:21.

Eugène o ne a tlhola a tlhalosa jaana: “Mono Kigali, ditlhare tsa bougainvillea di nna le dithunya tse di khibidu, tse di pinki le tse di tshweu ka nako nngwe. Lefa go ntse jalo, ke mofuta o le mongwe fela wa setlhare. Go ntse fela jalo le ka batho. Le mororo re ka tswa re le ba morafe, mmala, kana lotso lo lo farologaneng, rotlhe re ba lelapa le le lengwe, lelapa la motho.”

Se se botlhoko ke gore, le mororo ba lelapa leno loorra Ntabana ba ne ba rata kagiso e bile e le batho ba ba bolokang boitlhaodi ba ne ba bolaiwa ke segopa se se neng se nyorilwe madi a batho. Lefa go ntse jalo, ba ne ba swa ba ntse ba ikanyega. Re ka tlhomamisa gore Jehofa Modimo o tlile go diragatsa tsholofetso ya gagwe mo bathong ba ba ntseng jalo, e bile ba tlile go tsosiwa mo baswing gore ba tle go rua lefatshe le go tlhaola batho go tla bong go seyo mo go lone. (Ditiro 24:15) Ka nako eo, lelapa loorra Ntabana, mmogo le ba bangwe le tla “inatefisa mo letlotlong la kagiso.”—Pesalema 37:11.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela