Makasine o o Amang Pelo
DIMAKASINE di le dintsintsi di gatisiwa mo lefatsheng lotlhe gore di neele mmadi tshedimosetso le boitlosobodutu jo a bo tlhokang.
Ke eng se se dirang gore makasine ono o o o tshwereng o se ka wa tshwana le dimakasine tse dingwe jaana? Lekwalo le le latelang, le le neng la kwalelwa ofisi ya lekala ya Mokgatlho wa Watch Tower kwa Jeremane, le ka nna la go araba:
“Ke lo leboga thata, bakaulengwe ba ba rategang, ka maiteko a lona le tiro ya lona. Fa nna le bomorwaake ba babedi re ne re tswa kwa pokanong nngwe, le mororo go ne go le bosigo ka 9:30 p.m., ke ne ka tshwanelwa ke go reetsa fela Tora ya Tebelo ya bosheng jaana [e e mo khaseteng]. Fa ke ntse ke tlhatswa dijana, ke ne ka simolola go reetsa setlhogo se se ithutiwang sa ntlha (sa April 1, 1995). Ke ne ka akanya gore ke tshwanetse go se reetsa gape, ka jalo ke ne ka emisa tiro ya me mo ntlong ya go apeela mme ka bala setlhogo se se reng [“O Tlhwatlhwakgolo mo Matlhong a Modimo!”] se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo ke ntse ke reeditse le theipi. Se ne sa nkama pelo, segolobogolo mo serapeng sa bonè le sa botlhano. Mme morago ga moo dikeledi di ne tsa tshologa—mme e seng ka nako e telele. Ke leboga Jehofa go bo ke tshela e bile ke le mongwe wa batho ba gagwe le go bo ke ka itsise leina la gagwe mmogo le batho ba bangwe ba bantsi. Eleruri ga go na lebaka la go akanya gore motho ga a mosola. Moya wa ga Jehofa o mo bathong ba gagwe. E kete rotlhe re ka itshoka le go ema re nonofile mo tumelong, re le seoposengwe. Ka lorato lwa Bokeresete, ke le kgaitsadi wa lona mo tumelong.”
Tora ya Tebelo e na le mo gontsi go feta tshedimosetso fela. E ama dipelo tsa babadi ba yone le go kgotsofatsa keletso ya bone e le go ba otla mo semoyeng le go ba kgothatsa ka nako e e tshwanetseng. Ee, Tora ya Tebelo e ntsha “dijo ka dipaka tse e leng tsone.”—Mathaio 24:45.