Go Etela Kwa Nageng e e Solofeditsweng
ARE re tsala ya gago e go bolelela gore e go reketse—mpho—ntlo e ntšhantšha e e mo lefelong le le ntle le le didimetseng. O ne o tla ipotsa gore, ‘E ntse jang?’ Kwantle ga pelaelo o ne o tla šwegašwega go iponela ntlo eo ka matlho, go tsamatsamaya mo go yone le go keleka kamore nngwe le nngwe. Kana gone, ke legae la gago le lesha!
Ka 1473 B.C.E., Jehofa o ne a fa setšhaba sa Iseraele wa bogologolo legae le lesha—Naga e e Solofeditsweng, sebata sa naga sa boleele jwa dikilometara di ka nna 500 go tswa borwa go ya kwa bokone le bophara jwa dikilometara tse 55, ka kakaretso.a E re ka Naga e e Solofeditsweng e ne e le mo lefelong le le biditsweng Sekhutlo se se Nonneng, e ne e le lefelo le le monate thata go nna mo go lone, le segofaditswe ka dikarolo tsa yone fela tse di sa tshwaneng le lefelo lepe.
Mme ke eng fa gompieno o tshwanetse go kgatlhegela “legae” le le neng le neetswe mongwe o sele, bogolo jang mongwe yo o neng a tshela bogologolo? Ka gonne go itse kaga naga eno ya botlhokwa go ka go thusa gore o tlhaloganye dipego tsa Baebele. Porofesa yo o tlhokafetseng Yohanan Aharoni o ne a kwala jaana: “Mo nageng ya Baebele, thutafatshe le hisitori di gokagane thata mo e leng gore ga go epe ya tsone e e ka utlwisisiwang sentle kwantle ga e nngwe.” Mo godimo ga moo, kwa seemong sa yone se se kwa godimo, Naga e e Solofeditsweng e ne ya fa sekai se sepotlana fela sa kafa Paradaise mo Bogosing jwa Modimo e tla tlogang e se direla batho mo lefatsheng lotlhe!—Isaia 11:9.
Ka nako ya fa Jesu Keresete a le mo bodireding jwa gagwe jwa mo lefatsheng, o ne a dirisa mafelo a a tlwaelegileng mo Nageng e e Solofeditsweng go ruta dithuto tse di mosola. (Mathaio 13:24-32; 25:31-46; Luke 13:6-9) Le rona re ka ithuta ka tsela e e mosola fa re tlhatlhoba dingwe tsa dikarolo tsa Palesetina wa bogologolo. A re tsamayeng mo dikamoreng dingwe tsa yone, jaaka go ka tualo, re tlhatlhobe dingwe tsa dikarolo tse di tlhomologileng tsa naga eno e e neng ya nna legae la batho ba Modimo ka makgolokgolo a dingwaga. Jaaka re tla bona, Naga e e Solofeditsweng e ka re ruta dilo tse dintsi.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go dirisiwa ga “Naga e e Solofeditsweng” mo ditlhogong tseno go lebisitswe mo tseleng ya metlha ya bogologolo ya go leba dilo, jaaka e tlhalositswe mo Baebeleng, mme ga e amane le se se bolelwang ka lefelo leo ke ba bopolotiki le ba bodumedi mo metlheng ya segompieno.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 2]
Cover: Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]
Garo Nalbandian