LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 3/15 ts. 7
  • Ba Tshegeditswe ke Tsala ya Bone e Kgolo Thata

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ba Tshegeditswe ke Tsala ya Bone e Kgolo Thata
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Tlogetse Dipolotiki go Nna Mokeresete Yo o Sa Tseyeng Letlhakore
    Tsogang!—2002
  • Go Feta Dingwaga Tse 40 Re Thibetswe ke Bakomonise
    Tsogang!—1995
  • Ke ne Ka Ithuta go Ikanya Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ke ka Ntlha Yang fa Batho ba Bogisediwa Bodumedi Jwa Bone?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 3/15 ts. 7

Ba Tshegeditswe ke Tsala ya Bone e Kgolo Thata

GO NA le botsala bongwe jo bo tshegetsang Basupi ba ga Jehofa segolobogolo. Ke botsalano jo bo tlhwatlhwakgolo jo ba nang le jone le Tsala ya bone e kgolo, Jehofa Modimo. (Bapisa Jakobe 2:23.) O a ba tshegetsa fa go na le diteko tse dikgolo tsa tumelo.

Batho ba le bantsi ba ba boneng go boloka bothokgami ga Basupi fa ba busiwa ke mebuso ya babusaesi ba ile ba ba akgola. Mongwe wa bone ke Jiří Krupička, ngaka ya filosofi le disaense tsa tlholego yo o neng a fuduga kwa Czechoslovakia ka 1968 a sena go nna dingwaga tse dintsi a le mo dikampeng tsa pogisetso tsa Bokomonisi. Mo bukeng ya gagwe ya Renesance rozumu (Tlhabologo ya Tlhaloganyo), o akgela kafa Basupi ba ba neng ba golegilwe ka ntlha ya go se tseye letlhakore ga bone ba neng ba boga ka teng ba ntse ba nitame.

Fa Bakomonisi ba le mo pusong, Basupi ba le bantsi ba ne ba atlholelwa kgolegelo ka ntlha ya tumelo ya bone. Lefa ba ne ba golegilwe, ba ne ba gana go epa yuraniamo e e neng e ya go dirisediwa dibetsa tsa ntwa. (Isaia 2:4) Krupička o tlhalosa sengwe se a neng a se bona kwa go mongwe wa dimaene tseno ka 1952. O ne a bona batho ba le babedi ba eme e kete ditshwantsho di apesitswe ke kapoko mo marigeng a a botlhoko. Ditlhogo tsa bone le magetla a ne a khurumeditswe ka dithini.

Krupička o kwala jaana: “Ba ne ba sale ba eme foo ba apere makgasa a diaparo tsa kgolegelo go tloga mo mosong thata. Ba ne ba kgona jang go ema lobaka lo lo kalo ka maoto a a gatsetseng? Ka maatla a tumelo. Dithini tseo di ne di le dikgologolo e bile di rusitse. Mongwe yo o setlhogo o ne a ba rutha mo ditlhogong le mo magetleng fela thata mo e leng gore bogale jwa thini bo ne jwa sega baki ya mongwe wa banna bano jwa tsenelela mo letlalong, mme madi a ne a elela mo letsogong la baki ya gagwe.

“Modisa o ne a emisa mokoloko wa rona fa pele ga bone, mme molaodi o ne a bua le rona ka bokhutshwane. O ne a bolela gore go gana go bereka ke botsuolodi mme go otlhaelwa ka tsela e e tshwanetseng. Batho bano ba ba ganang ntwa, baba bano ba bososhialise ga ba ne ba thusiwa ke go itira e kete ba gana go lwa le go bolaya ka ntlha ya maikutlo.”

Molaodi o ne a tsaya tshipi a rutha nngwe ya dithini tseo. Monna yo o neng a le mo go yone o ne a wela fa fatshe tlhogo ya gagwe e ntse e khurumeditswe jalo ke thini. Krupička ga a ise a lebale se se neng sa diragala morago ga foo.

O bolela jaana: “Ba ne ba opela mo dithining tseo. Mantswe a a kwa tlase, ba rapela Modimo ka go seba, yo o kgonang go utlwa sengwe le sengwe a le gongwe le gongwe—tota le batho ba leka go opela ba le mo dithining tse di kgologolo, tse di rusitseng tsa yuraniamo. O ba utlwa sentle thata go feta sefela se se opelwang mo kerekeng e kgolo.”

Ka September 1, 1993, tiro ya Basupi ba ga Jehofa kwa Repaboliking ya Czech e ne ya letlelelwa ke puso kafa molaong. Basupi ba Ba-Czech jaanong ba itumelela go dira tiro ya bone ya go ruta ya Bokeresete ka kgololesego. Ee, ba itumelela go bolelela ba bangwe kaga Jehofa, Tsala ya bone e kgolo thata.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Batlakopanong kwa Repaboliking ya Czech

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela