“Se Pataganeleng Jokwe E e Sa Lekalekaneng”
DIKGOMO tse pedi tse di tshwantshitsweng fano di na le maatla a magolo thata, a a di thusang gore di goge merwalo e e bokete motlhofo fela. Mme a re re gongwe go ne go golegilwe tonki mo boemong jwa kgomo e nngwe. E re ka tonki e le potlana e bile maatla a yone a fetiwa ke a kgomo, gongwe e ne e ka nna bodipa ka go raga ditomo tse di e tshwereng mo jokweng eno e e sa lekalekaneng. Molao wa Modimo mo Baiseraeleng o ne wa bolela jaana he, o na le lebaka le le utlwalang: “O se ka wa lema ka kgomo e pataganye le esela.”—Duteronome 22:10.
Moaposetoloi Paulo o ne a kwala sengwe se se tshwanang ka batho. O ne a bolela jaana: “Se pataganeleng jokwe e e sa lekalekaneng le ba ba sa dumeleng.” (2 Bakorinthe 6:14, NW) Motho o tshwanetse go nna a gakologetswe seno segolobogolo fa a tlhopha motho yo o tla nyalanang le ene. Lenyalo ke go kopana mo go nnelang ruri, ka gonne Jesu Keresete o ne a bolela jaana: “Se se kopantsweng ke Modimo, a se se kgaoganngwe ke motho.” (Mathaio 19:6) Go tsoga mathata a le mantsi fa banyalani ba se mo tumelong e le nngwe fela, ba se na melaometheo le mekgele e e tshwanang. Ka gone go a utlwala he, gore motho a latele tlhagiso ya Baebele ya go nyala “mo Moreneng fela.” (1 Bakorinthe 7:39) Go nyala motho yo o seng mo tumelong e le nngwe fela le wena go ka go leretse mathata a magolo thata go feta fa o ne o ka golega kgomo le tonki.
Go farologana ka bodumedi ke lengwe fela la mabaka a a ka dirang gore banyalani ba nne mo jokweng e e sa lekalekaneng. Batho ba ba tla nyalanang—lefa ba le mo bodumeding bo le bongwe fela—ba tla bo ba dira sentle go botsa gore, ‘A re na le mekgele e e tshwanang? Re tla nna kae? Ke mang yo o tla tshwarang madi? A rotlhe re tla bereka? A re tla nna le bana? A go tshwarana ga rona go tla laolwa ke bopelonomi le go akanyetsana?’
Go ya bokgakaleng jo bo rileng, tsela e dikgang tseo di tlotliwang ka yone e ka bontsha gore a jokwe e tla bo e lekalekana kana e sa lekalekane. Ke boammaaruri gore ga go na batho ba babedi ba ba tshwanang kgo. Lefa go ntse jalo, ka kakaretso fela, fa batho ba babedi ba ba ratanang ba ka lwantsha mathata le go a rarabolola mmogo le gone fa ba ka kgona go buisana ka tshosologo, gongwe ga ba ne ba pataganela jokwe e e sa lekalekaneng.