LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 11/15 ts. 20
  • Medimo ya Sesadi ya Tsalo le Ntwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Medimo ya Sesadi ya Tsalo le Ntwa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 11/15 ts. 20

Medimo ya Sesadi ya Tsalo le Ntwa

FA GO ne go tshwerwe letsholo la baithutamarope kwa Ebla, kwa Syria, go ne ga bonwa setshwantsho sa ga Ishtar, e leng modimo wa sesadi wa tsalo le ntwa wa Sebabilone. Moithutamarope Paolo Matthiae o se tlhalosa e le “kurwana e e kgolokwe e e neng e tshwantsheditswe tiragalo ya kobamelo e mo go yone moperesiti wa sesadi a khurumeditsweng ka seitshiro a le fa pele ga setshwantsho se le sengwe fela sa bomodimo . . . tlhogo ya sone e le mo setshegetsong se setelele.”

Go bonwa ga setshwantsho seno go botlhokwa, ka gonne se dirilwe bogologolo mo tshimologong ya lekgolo la bo18 la dingwaga B.C.E. Matthiae o ne a bolela gore seno se neela “bosupi jo bo tletseng” jwa gore kobamelo ya ga Ishtar e nnile gone ka lobaka lwa dingwaga di ka nna 2 000.

Kobamelo ya ga Ishtar e ne ya simologa kwa Babilone mme mo makgolokgolong a dingwaga a a neng a latela e ne ya anamela kwa Mmusomogolong wa Roma. Jehofa o ne a laela Baiseraele gore ba nyeletse bodumedi bope fela jwa maaka jo bo neng bo ka tswa bo le teng mo Nageng e e Solofeditsweng, mme e re ka ba ne ba palelwa ke go dira jalo, kobamelo ya ga Ashetorethe (setshwani sa ga Ishtar sa kwa Kanana) e ne ya nna seru mo go bone.—Duteronome 7:2, 5; Baatlhodi 10:6.

Le mororo Ishtar le setshwani sa gagwe e bong Ashetorethe ba sa tlhole ba le teng, mekgwa e ba neng ba e tshwantshetsa—boitsholo jo bo sa siamang le thubakanyo—e tletse gongwe le gongwe. Re tla bo re botsa sentle gore a tota batho ba segompieno ba farologane thata le batho bao ba bogologolo ba ba neng ba obamela medimo eno ya sesadi ya tsalo le ntwa.

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Gape bana ba ne ba ntshediwa Tanit ditlhabelo

[Motswedi wa Setshwantsho]

Ralph Crane/Bardo Museum

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela