LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 11/1 ts. 32
  • ‘Fela Jaaka Tshipi e Lootsa Tshipi’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Fela Jaaka Tshipi e Lootsa Tshipi’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 11/1 ts. 32

‘Fela Jaaka Tshipi e Lootsa Tshipi’

FA LEKGOLO la boraro la dingwaga C.E. le ya bokhutlong, lekawana lengwe le le tlhoafetseng le le bidiwang Anthony, le go tweng e ne e le “Mokeresete wa Mo-Copt,” le ne la itlhaola mo lefatsheng mme la ya go nna dingwaga di le 20 le le nosi mo sekakeng. Ka ntlha yang? O ne a dumela gore eno e ne e le yone tsela e e molemo thata e a ka direlang Modimo ka yone. E ne e le ene moitlhaodi wa ntlha wa Labokeresete yo o neng a tlhotlheletsa batho thata.

Gompieno, Labokeresete e na le baitlhaodi ba sekae fela ba bodumedi. Mme batho ba ba ntseng ba oketsega ba batla go itlhaola ka tsela e nngwe. Ba gana go bua le ba bangwe kaga bodumedi, ba akanya gore go bua ka jone go felela ka go ngangisana le go lwa. Selo se segolo mo kobamelong ya bone ke gore ba se ka ba direla moagisani wa bone bosula.

Ke boammaaruri, go sa direle moagisani wa gago bosula ke karolo ya bodumedi jwa boammaaruri, mme lefa go ntse jalo go tlhokega se se fetang seo. Seane sengwe sa bogologolo sa re: “Tshipi e lootsa tshipi; motho o lootsa jalo sefatlhogo sa tsala ya gagwe.” (Diane 27:17) Boammaaruri ke gore, Baebele e kgothaletsa Bakeresete gore ba kopane mmogo, e seng gore ba itlhaole gotlhelele mo lefatsheng kana mo Bakereseteng ba bangwe. (Johane 17:14, 15) Ya re: “A re gopolaneng, re tlhotlheletsanyeng mo loratong le mo ditirong tse di molemo; re se ka ra bakela go phuthega ga rona.” (Bahebere 10:24, 25) Basupi ba ga Jehofa ba latela kgakololo eo. Ba kokoana mmogo makgetlho a le mmalwa mo bekeng, go tla go ‘lootsana difatlhego,’ ba aga tumelo ya badumedikabone. Ba fitlhela gore go tlotla ka Baebele ka boikanyegi ga go felele ka dintwa. Go na le moo, go tlisa kutlwano le kagiso. Ke karolo ya botlhokwa ya bodumedi jwa boammaaruri.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela