LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 11/1 ts. 2-4
  • A Baengele ba Teng mo Gare ga Rona?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Baengele ba Teng mo Gare ga Rona?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tsentshiwa ke Baengele
    Tsogang!—1999
  • Go Tlhatlhoba Dipolelo Tseno
    Tsogang!—1999
  • Kafa Baengele Ba ka Go Thusang ka Teng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • A o Na le Moengele Yo o Go Sireletsang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 11/1 ts. 2-4

A Baengele ba Teng mo Gare ga Rona?

Go diregile ka bonako thata. Marilynn o ne a akanya thata a sa tlhokomela fa a tsamayang teng, a iketlile a tsamaya mo seporong. Ka tshoganetso, o ne a utlwa modumo o mogolo thata. O ne a leba, mme a iphitlhela a eme mo tseleng ya terena e e neng e le mo tseleng! Marilynn o ne a ema fela a tseane ke letshogo. Terena e ne e le gaufi thata mo e leng gore o ne a kgona go bona matlho a matala le sefatlhego se se neng se tshogile thata sa motsamaisi wa yone. Marilynn ga a ise a ko a lebale se se neng sa diragala go tswa foo. “E ne e kete ke ne ke kgoromeditswe ke mokaloba mongwe ka fa morago. Ke ne ka tswa ka bofefo jo bo gakgamatsang mo seporong mme ka wela mo meloreng kwa thoko ga sone,” o ne a bolela jalo. Marilynn o ne a kgobogile fela go le gonnye, mme a ema a batla gore a tle a leboge motho yo o mo faloditseng—mme go ne go sa bonale motho ope! O ne a fetsa ka goreng? Marilynn o bolela jaana: “Moengele yo o ntshireletsang o bolokile botshelo jwa me. E le gore e ka nna mang gape?”

LEFATSHE le le belaelang sengwe le sengwe leno le simolola go akanya thata ka baengele fela ka tshoganetso. Mo dingwageng tsa bosheng jaana, ditshedi tsa selegodimo di ile tsa supiwa mo thelebisheneng, mo dibaesekopong le e leng mo terameng nngwe ya Broadway. Dibuka tse di buang ka baengele ke dingwe tsa dibuka tse di rekisiwang thata tsa bodumedi. Go na le mekgatlho ya batho ba ba kgatlhegelang baengele, dikopano tsa teng le makwalopaka. Jaaka setlhogo sengwe se bolela, go ile ga tlhangwa dithuto go go thusa go bona “thuso ya ‘seengele.’”

Bagwebi ba dirisa mekgatlho ya baengele go bapatsa dilwana tse dintsintsi tse di rekwang. Mongwe wa beng ba lebenkele kwa United States o bolela jaana: “Sengwe le sengwe se se tshwantshitsweng baengele se rekwa thata.” Mo godimo ga dibuka tse dintsi, o bolela fa go na le “ditshwantsho tsa baengele, mekgabiso e e kopelwang mo diaparong, bompopi, dikipara, ditshwantsho le dikarata tsa melaetsa”—tsotlhe di lere se mokwadi mongwe wa dikgang a se bitsang “merokotso ya selegodimo.”

Batho ba ba buelelang baengele ba gatelela gore seno ga se feshene fela e e fetang. Fa ba tshegetsa se ba se bolelang, ba ntsha bosupi—ba bolela “ditiragalo tsa mmatota” ba dirisana le baengele. Bangwe ba bolela gore ba bone moengele a le mo popegong ya motho. Ba bangwe ba ne ba bona lesedi, ba utlwa lentswe, ba utlwa gore o teng, kgotsa ba utlwa tlhotlheletso e ba dumelang gore e ne e le ya seengele. Ba bantsi jaaka Marilynn, ba bolela gore moengele mongwe o ne a boloka botshelo jwa bone.

Go diragala eng? “Ke akanya gore bomoya bo boela gape,” go bolela jalo Joan Wester Anderson yo o kwadileng dibuka tse pedi ka dilo tse di dirilweng ke “maatla a fetang a tlholego.” Alma Daniel, yo o thusitseng gore go kwalwe buka e nngwe, o tsweledisa seno. O bolela gore baengele ba “laelwa gore ba ikitsise gore batho ba ba oketsegileng ba kgone go fitlhelelwa. Lebaka la go bo re bona mo go ntsi jaana ka bone ke gore ba batla go diragala fela jalo. Ba a go dira.”

A ruri seno se ntse jalo? Kgotsa go na le sengwe se sele se se tlhotlheletsang go kgatlhiwa ke baengele mo go kanakana? Re tshwanetse go tlhatlhoba Lefoko la Modimo gore re tle re bone karabo. Baebele e tshotse boammaaruri ka baengele, jaaka re tla bona.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 2]

Pages 3 and 4: The New Testament: A Pictorial Archive from Nineteenth Century Sources, by Don Rice/Dover Publications

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela