Pego ya Baboledi ba Bogosi
Bakeresete ba Boammaaruri ba Tla Bogisiwa
FA E sale mo metlheng ya ga Abele, batlhanka ba ga Jehofa ba le bantsi ba ile ba itshokela go bogisiwa ka ntlha ya bodumedi. (Luke 11:49-51) Mme seo se bo se sa gakgamatse, ka gonne Baebele e tlhagisa gore “botlhe ba ba ratang go tshela ka poifomodimo mo go Keresete Jesu ba tlaa bona pogiso”! (2 Timotheo 3:12) Go dumalana le seo, gompieno mo dinageng di feta 25, Basupi ba ga Jehofa ba thibetswe e bile ba itshokela pogiso.
Kwa nageng e Basupi ba ga Jehofa ba sa thibelwang fela kwa go yone e bile ba bogisiwa ke batho ba bodumedi, baboledi ba feta 12 000 ba mafoko a a molemo ba tsweletse pele ka go dira ka tlhoafalo, ba ithuta Baebele le batho ba feta 15 000. Gone ke boammaaruri, tiro ya bone ya go rera e dirwa ka botlhale. Gantsi ba tshwara dipokano tsa bone tsa Bokeresete mo magaeng a bone, mme ba nna kelotlhoko fa ba laletsa batho ba ba kgatlhegang kwa dipokanong tseo.
Bosheng jaana puso e ne ya simolola go nna kutlwelobotlhoko mo Basuping, ba jaanong ba dirang bontsi jwa tiro ya bone ba sa kgorelediwe ka tsela e e setlhogo. Lefa go ntse jalo, ditlhopha tse di farologaneng tsa bodumedi di ile tsa dirisa maatla a tsone go tsosa mathata.
Mo motseng mongwe segopa se se bogale sa batho ba ka nna 200 ba ba ilweng ke bodumedi kwa tlhogong se ne sa gwantela kwa ntlong e mo go yone Basupi ba ga Jehofa ba ka nna 50 ba neng ba tshwere pokano ya phuthego. Bangwe mo segopeng seo ba ne ba tshotse maje e bile ba goa maitlamo a bodumedi. Go ne go bonala sentle gore ba ne ba ikaeletse go tlhasela Basupi le go senyaka mo ntlong. Go bonala gore baeteledipele ba bodumedi ba ne ba ntse ba lepile dipokano ka lobakanyana mme ba leta nako e e tshwanetseng fela gore ba tlhasele. Segopa seno se ne se tloga se tsena mo ntlong fa mapodise a le 15 a ne a goroga mme a laela setšhaba seo gore se phatlalale. Seno se ne sa gakgamatsa Basupi, ka gonne ga go na ope wa bone yo o neng a nnile le yone nako ya go bitsa mapodise tota.
Lefa go ntse jalo, ka makgetlho a mangwe, baganetsi ba ile ba atlega go feta foo. Basupi ba le bantsinyana ba ile ba sekisiwa mme ba latlhelwa mo kgolegelong. Kgang e nngwe eo e neng e isitswe kgotlatshekelo e ne ya seegelwa kwa thoko ka dingwaga di le dintsinyana, mme go bonala gore basekisi ba ne ba sa tlhole ba na le kgatlhego mo go yone. Lefa go ntse jalo, ka ntlha ya tlhotlheletso ya baruti ba lefelo leo, kgang eo e ne ya isiwa gape kwa kgotlatshekelo mme Mosupi o ne a atlholelwa kgolegelo.
Kwa lefelong le lengwe setlhopha sa Basupi se ne se kopanetse mo legaeng la mongwe go tla go keteka Sejo sa Morena sa Maitseboa. Moragonyana mo maitseboeng ao mapodise a le mmalwa a ne a tshwara mong wa ntlo le mogolwane yo o neng a tshwere pokano. Fa ba le kwa kampeng ya mapodise, ba ne ba itewa mo go setlhogo. Ba ne ba botsolodiwa ba ntse ba bediwa ka diura di le dintsi. Mongwe wa Basupi bao gape o ne a itshokela go bogisiwa ka go tsenngwa mo sedibeng sa metsi a a tsididi.
Ke eng fa mapodise a ne a ba tlhasela jaana? Le fano gape, setlhopha sa badumedi ba ba ilweng ke bodumedi kwa tlhogong, ba thusiwa ke baruti ba lefelo leo, ba ne ba tlhotlheletsa mapodise go dira jalo. Moragonyana ramapodise o ne a bolela gore batho bao ba ne ba tshwerwe kwantle ga tumelelo ya gagwe. Ba ne ba ikopa maitshwarelo, le ba ba neng ba iteile batho ba ne ba otlhaiwa.
Mo lefatsheng lotlhe, Basupi ba ga Jehofa ba tswelela pele ka go rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo, lefa ba ntse ba bogisiwa mo go botlhoko. Ba latela kgakololo ya ga Jesu: “Bonang, ke lo roma jaaka dinku mo gare ga diphiri; ke gone lo nneng botlhale jaaka dinoga, le bori jaaka maphoi.”—Mathaio 10:16.
[Setshwantsho mo go tsebe 31]
Abele e ne e le ene motho wa ntlha go bogisiwa