LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 8/1 ts. 30
  • Ditshelo Tsa Madi di Sekasekwa Sesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditshelo Tsa Madi di Sekasekwa Sesha
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 8/1 ts. 30

Ditshelo Tsa Madi di Sekasekwa Sesha

MO MOTLHENG ono wa bohutsana jwa AIDS, sengwe se se kotsi thata mo molwetsing yo o alafelwang mo kokelong se ka nna sa bo se le teng mo phaposing ya karo. “Ga go na tsela epe e re ka dirang ka yone gore madi a re nang le one a se ka a nna le megare gotlhelele,” go bolela jalo Dr. Richard Spence, yo ka dingwaga tse di fetang lesome a ntseng a kaela Center for Bloodless Surgery kwa Cooper Hospital-University Medical Center kwa Camden, New Jersey, U.S.A.

Ga go gakgamatse go bo kokelo eno e alafa Basupi ba ga Jehofa ba le bantsi, ba go itsegeng thata gore ba gana go tshelwa madi ka ntlha ya mabaka a a theilweng mo Baebeleng. (Lefitiko 17:11; Ditiro 15:28, 29) Lefa go ntse jalo, balwetsi ba le mmalwa ba e seng Basupi le bone ba ya kwa kokelong eno, ba amegile ka dikotsi tse di ka tlisiwang ke go tshelwa madi, tse di akaretsang go tsenwa ke bolwetse jwa sebete, AIDS, le malwetsi a mangwe. “Go tlhagoga ga AIDS go bontshitse gore go tlhokega go tlhaola madi a a nang le megare,” ga rialo Courier-Post Weekly Report on Science and Medicine. “Mme lefa go ntse jalo a mangwe a santse a kgona go feta fela go ntse go twe a a tlhaolwa ka gonne motho a ka nna le megare pele ga e ka kgona go bonwa fa madi a tlhaolwa.”

Ka ntlha ya dikotsi tse di ntseng jalo, Center for Bloodless Surgery e dirisa dilo tse dingwe mo boemong jwa tshelo ya madi, tse di akaretsang go busetsa madi a molwetse mo go ene—botegeniki jo Basupi bangwe ba ka se bo amogeleng tlase ga mabaka mangwe.a Kalafi e nngwe e akaretsa go dirisa diokobatsi tse di thusang mmele wa molwetsi gore o itirele madi. Mo godimo ga moo, go a tle go dirisiwe sengwe se se emelang madi se se itiretsweng gore se rotloetse go tsamaisiwa ga okosejene kwantle ga go tshelwa madi. “Basupi ba ga Jehofa ba batla tlhokomelo e e manontlhotlho ya kalafi,” ga rialo Dr. Spence, “mme ba batla sengwe se sele mo boemong jwa go tshelwa madi.”

Basupi ba ga Jehofa ba leboga tirisanommogo le thuso e ba e neetsweng ke dingaka tse di tlotlang ditumelo tsa bone tsa bodumedi. Ka ntlha ya seo, eleruri ba neetswe “tlhokomelo e e manontlhotlho ya kalafi” mme ba ntse ba na le segakolodi se se phepa fa pele ga Jehofa Modimo.—2 Timotheo 1:3.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Tlhaloso ka botlalo ya thulaganyo eno le se se akarediwang mo go direng tshwetso ya motho ka namana e e ikaegileng ka segakolodi sa motho e kwadilwe go Tora ya Tebelo ya March 1, 1989, ditsebe 30-1.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela