LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 7/15 ts. 32
  • Ke Eng se se Senolwang ke Seipone?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Eng se se Senolwang ke Seipone?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 7/15 ts. 32

Ke Eng se se Senolwang ke Seipone?

LEBA mo seiponeng. Ke eng se o se bonang? Ka dinako tse dingwe, fa o gaodisa mo seiponeng go ka senola phoso nngwe e e tlhabisang ditlhong mo tebegong ya gago mo e leng gore o ka itumelela go e baakanya pele ba bangwe ba e lemoga.

Baebele e tshwana fela le seipone. E ka re thusa gore re bone tebego ya rona ya mmatota, e e tla re thibelang gore re se ipone re le botlhokwa thata—kana re se sepesepe—mo matlhong a Modimo. (Mathaio 10:29-31; Baroma 12:3) Mo godimo ga moo, Baebele e ka senola diphoso tse re tlhokang go di baakanya mo go se re se buang, se re se dirang, kana mo ditseleng tse re akanyang ka tsone. Fa seno se go diragalela, a o tla itlhokomolosa se seipone se se senolang?

Mokwadi wa Baebele e bong Jakobe o bolela jaana: “Fa motho mongwe a le moutlwi wa lefoko, mme a se modiri wa lone, o tshwana le motho yo o iponang sefatlhogo sa gagwe sa tlholego mo seiponing; gonne o a ipona, a tsamaye, a tloge a lebale ka bonako popego ya gagwe ka fa e ne e ntse ka gone.”—Jakobe 1:23, 24.

Se se farologaneng le seo, Jakobe o tlhalosa motho yo mongwe gape, “yo o lebang mo molaong o o itekanetseng, e bong molao wa kgololego, fa a tswelela jalo.” (Jakobe 1:25) Lefoko la Segerika le le ranotsweng ka gore “lebang” le raya go okomela kana go inamela kwa pele gore o bone. Theological Dictionary of the New Testament e bolela jaana: “Kgang eno e akaretsa se se fetang fela go tadinya ka leitlho.” Lefoko leno le kaya go batlisisa selo se se fitlhegileng ka kelotlhoko. Mongwe yo o akgelang ka Baebele e bong R. V. G. Tasker o kwala jaana: “Go na le selo sa botlhokwa se mmogedi a eletsang go se bona, le mororo go ka nna thata gore a se bone le go tlhaloganya bokao jwa sone sotlhe ka bonako.”

Ka gone a o ka itshekatsheka mo seiponeng sa Lefoko la Modimo mme go tswa foo o bo o dira se le se tlhokang? Jakobe o tswelela pele jaana: “Motho yoo o tlaa segofala mo go direng ga gagwe, ka e se moutlwi yo o lebalang, mme e le modiri yo o dirang.”—Jakobe 1:25.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela