Nako e ba e Balang ka Yone le ka Moo ba Solegelwang Molemo ka Gone
Phakela Thata mo Mosong:
Banyalani bangwe, ba bobedi jwa bone ba dirang kgakala le legae, ba ne ba swetsa gore ba tla tsoga metsotso e le lesome pele ga nako mo mosong mme ba dirise nako eo go bala Baebele mmogo pele ga ba itlhaganela go tswa mo lapeng. Se ba se balang se ba thusa gore ba nne le motlotlo o o agang fa ba sena go tswa mo ntlong.
Mogolwane mongwe wa kwa Nigeria o dirisa thulaganyo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo gore e nne yone motheo wa mmalo wa Baebele wa lelapa la gagwe. Ba bala karolo ya yone letsatsi le letsatsi fa ba sena go sekaseka temana ya letsatsi, ba dira jalo gantsi mo mosong. Bana ba kopiwa gore ba refosane go bala dikarolo dingwe tse di leng moo. Morago ga foo ba kopiwa gore ba botse dipotso ka ditemana tse di badilweng.
Mmalapa mongwe kwa Japane o sale a ntse a bala Baebele yotlhe gangwe ka ngwaga nngwe le nngwe fa e sa le ka 1985. Thulaganyo ya gagwe ke gore a e bale ka metsotso e le 20 go ya go e le 30 letsatsi le letsatsi a simolola ka 5:00 a.m. O bolela jaana malebana le melemo e a e bonang: “Tumelo ya me e a nonotshiwa. E nthusa gore ke lebale bolwetsi jwa me mme ke tlhome mogopolo wa me mo tsholofelong ya Paradaise.”
Kgaitsadi mongwe yo o feditseng dingwaga di le 30 e ntse e le mmulatsela yo lefa go ntse jalo monna wa gagwe e seng Mosupi, o tsoga ka ura ya botlhano moso mongwe le mongwe go dira mmalo wa gagwe wa Baebele. O dirile thulaganyo ya gore a bale ditsebe tse di ka nnang nne go tswa mo Dikwalong tsa Sehebera, le kgaolo e le nngwe mo Dikwalong tsa Segerika tsa Bokeresete, le temana e le nngwe go tswa go Diane. O badile Baebele yotlhe ngwaga le ngwaga fa e sa le ka 1959. O bolela jaana: “Ka ntlha ya go bala ga me, ke ikutlwa ke ratwa ke Jehofa . . . Ke a kgothatsega, le go gomodiwa, le go kgalemelwa.” O oketsa jaana: “Go bala Baebele go ntse jaaka e kete Jehofa o tlhotlheletsa tsela e botshelo jwa me bo tsamayang ka yone letsatsi le letsatsi.”
Kgaitsadi mongwe yo o neng a ithuta boammaaruri kwa nageng nngwe e tiro ya Basupi ba ga Jehofa e thibetsweng teng le ene o na le monna yo o ganetsang tumelo ya gagwe. O kgona go dira mmalo wa gagwe wa Baebele go tloga ka Mantaga go fitlha ka Labotlhano, gare ga 6:00 le 7:00 a.m. Seno se ile sa mo nonotsha. Fa a tlhalosa ka moo go bala ga gagwe go ileng ga mo ama ka teng, o bolela jaana: “Re ithuta go rata Jehofa le Jesu le go itumela lefa re na le mathata le dikgoreletsi, re itse gore ditsholofetso tsa ga Jehofa ga di kake tsa palelwa.”
Kgaitsadi mongwe yo o kileng a ya Sekolong sa Tirelo ya Bobulatsela o ne a ititaya sehuba gore o tla dirisa kgakololo e ba neng ba e filwe malebana le go bala Baebele letsatsi le letsatsi. Kwa tshimologong, o ne a kgona go go dira gare ga 5:00 le 6:00 a.m. Fa go fetola tiro ga gagwe go ne go thulana le seo, o ne a fetola nako gore e nne gare ga 9:00 le 10:00 p.m. Fa go ne go tlhaga maemo a mangwe a a gwetlhang, a re, “Ke nna ke fetola thulaganyo ya me go ya ka maemo a ke leng mo go one.”
Moragonyana mo Tsamaong ya Letsatsi:
Motho le monnawe ba e leng maloko a lelapa la Bethele kwa Brazil ba tlwaetse go bala Baebele mmogo ka metsotso e ka nna 20 letsatsi le letsatsi morago ga dijo tsa motshegare. Ba setse ba badile Baebele yotlhe ka makgetlho a le 25; lefa go ntse jalo ba kwala jaana: “Ka metlha re bona sengwe se sesha, ka jalo go bala Baebele le ka motlha ga go ke go lapisa.”
Kgaitsadi mongwe yo o sa nyalwang kwa Japane, o ne a lemoga gore le mororo a godisitswe jaaka Mosupi ga a itse Dikwalo sentle; fa a sena go nna mmulatsela, o ne a ititaya sehuba gore o tla bala Baebele ka metlha. Gone jaanong o bala mmalo wa gagwe wa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo fa a ya sepatela go bona kalafi gangwe mo bekeng. Moragonyana fa a fitlha kwa gae, o dira dipatlisiso ka se a se badileng. Go ya kwa bofelong jwa beke, o dira mmalo o o oketsegileng wa Baebele, a tlhopha dibuka go latelana ka tsela e di kwadilweng ka yone.
Mosha mongwe wa dingwaga di le 13 o setse a badile Baebele yotlhe ka makgetlho a le mararo mme gone jaanong o bala kgaolo e le nngwe letsatsi lengwe le lengwe fa a tswa sekolong. A re, seno se mo thusitse gore “a ikutlwe a rata Jehofa ka mo go oketsegileng.”
Mosupi mongwe yo o tshwaregileng thata jaaka monna yo o dirang, mogolwane, monna yo o nyetseng, le rre o reetsa dikhasete tsa Baebele fa a ya tirong ka terena. Mme fa a fitlha kwa gae o bala ka yone tshedimosetso eo.
Mo godimo ga mmalo wa gagwe wa motho ka namana, mmulatsela mongwe wa kwa Fora o reetsa dikhasete tsa Baebele fa a ntse a apaya dijo, a kgweetsa, fa a na le mathata, kana fela go ijesa monate.
Mmulatsela mongwe wa dingwaga di le 21 wa kwa Japane o gakologelwa gore mmaagwe o ne a gatelela gore a je sengwe sa semoya letsatsi le letsatsi, mme o nnile a bala Baebele letsatsi le letsatsi fa e sa le a le dingwaga di le tharo, lefa gone a ne a sa go dire ka nako e tshwanang ka metlha. Fa a sena go bala karolo e a e tlhophetseng letsatsi leo, o tlhomamisa gore o boeletsa ditemana tsa konokono, mme morago ga foo a bo a tsaya metsotso e sekae go boeletsa se a se badileng ka tlhogo.
Mosupi mongwe yo e leng mmulatsela, o badile Baebele ka makgetlho a le lesome mo dingwageng tse 12 tse di fetileng. Monna wa gagwe ga a dumele, ka jalo o rulaganya go bala motshegare.
Maitseboa:
Mogolwane mongwe yo e leng mmulatsela kwa Japane yo o balang Baebele ya gagwe maitseboa mangwe le mangwe pele ga a ya go robala o ile a dira seno ka dingwaga tse robedi tse di fetileng. O bolela jaana: “Ke rata thata dikwalo tse di bontshang gore Jehofa o akanya jang, o ikutlwa jang ka dikgang dingwe, le gore o dirisana jang le maemo a a rileng. Go tlhatlhanya ka dikwalo tseno go nthusitse gore ke akanye ka tsela e Jehofa a akanyang ka yone le go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba me ba Bakeresete le ba lelapa la me.”
Mogolwane mongwe kwa Fora o ile a bala Baebele ka sebaka sa ura maitseboa mangwe le mangwe fa e sa le ka 1979. Gantsi o a bo a na le dithanolo di le tlhano kana di le thataro tse di farologaneng tse a di butseng fa pele ga gagwe gore a di bapise. A re go bala ka ketlotlhoko jaana go mo thusitse gore a tlhaloganye “gore o tshwanetse go dirisa jang kitso eo ya Baebele mo maemong a letsatsi le letsatsi.” Seno gape se mo thusitse gore a kgone go neela kgakololo e e mosola go tswa mo Dikwalong.
Mokaulengwe mongwe kwa Nigeria o ile a itlwaetsa go bala temana ya Lokwalo lo lo tlhagang mo bukaneng ya Go Lotolotsa mo Dikwalong ka Malatsi Otlhe maitseboa gore a tle a tlotle ka yone mo mosong o o latelang ka dingwaga di le 28 tse di fetileng. Mo godimo ga moo o bala kgaolo yotlhe mo Baebeleng e temana eo e tserweng mo go yone. Fa a sena go nyala, o ne a tswelela pele a dira jalo, a bala le go tlotla ka tshedimosetso eo le mosadi wa gagwe.
Mosha mongwe yo batsadi ba gagwe e seng Basupi o ile a itlwaetsa go bala metsotso e le metlhano go ya go e le lesome bosigo bongwe le bongwe pele ga a ya go robala. Metsotso eo e botlhokwa thata mo go ene, mme o rapela pele le fa a sena go bala. Mokgele wa gagwe ke gore a itse molaetsa o Jehofa a ileng a kaela mokwadi mongwe le mongwe wa Baebele gore a o kwale.
Mokaulengwe mongwe yo o nyetseng yo o mo tirelong ya Bethele, a re o ile a bala Baebele gangwe ka ngwaga mo dingwageng tse robedi tse di fetileng. O e bala metsotso e le 20 go ya go e le 30 pele ga a ya go robala. A re lefa a lapile thata, fa a ka robala a sa bala, ga a kgone go robala. O tshwanetse gore a tsoge mme a itlamele ka se a se tlhokang semoyeng.