LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 5/1 ts. 27
  • Bananyana ba Rera Mafoko a a Molemo mo Afrika

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bananyana ba Rera Mafoko a a Molemo mo Afrika
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “A a Tswang Melomong ya Banyana”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Bana ba Sekolo ba kwa Nigeria ba Segofaditswe ka Ntlha ya Go Ikanyega ga Bone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Filipo o Kolobetsa Modiredi wa Moethiopia
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Nka Dirang Gore Nna le Morutabana Wa me Re Dirisane Sentle?
    Basha ba Botsa Jaana
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 5/1 ts. 27

Pego Ya Baboledi Ba Bogosi

Bananyana ba Rera Mafoko a a Molemo mo Afrika

MORAGO fela ga tsogo ya ga Jesu, monna mongwe wa Moafrika o ne a etela kwa Jerusalema. Baebele ga e bolele leina la gagwe. O itsege fela gore ke “moopafadiwa, yo o taolo kgolo mo go Kantase mohumagadi kgosi ya Baethiopia, e le yo o laolang mahumo otlhe a gagwe.” Ke eng fa Baebele e mo umaka? Ke ka gonne moengele o ne a kaela moefangele wa Mokeresete e bong Filipo gore a mo rerele ‘mafoko a a molemo kaga Jesu.’ Monna yono wa kwa Ethiopia e ne e le Moafrika wa ntlha yo dipego di buang ka ene go nna leloko la phuthego ya Bokeresete.—Ditiro 8:26-39.

Gompieno go na le diketekete di le makgolokgolo tsa Basupi ba ga Jehofa mo Afrika. Ba dirisa tshono nngwe le nngwe go bolelela ba bangwe mafoko a a molemo kaga Jesu. Maitemogelo a a latelang a supa gore tota le bananyana ba Afrika ba na le seabe mo tirong eno.

◻ Sandy le Priya, basetsana ba dingwaga tse 11 ba kwa Nairobi kwa Kenya, e ne e le baagisani. Ba ne ba itumelela go tshameka mmogo le go adimana dibuka tsa dikgangkhutswe. Batsadi ba ga Priya ba ne ba simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Jaanong Priya o ne a na le dibuka di le dintsi tse disha go oketsa tse a nang le tsone, go akaretsa le nngwe e a neng a simolola go e rata thata ya Go Reetsa Morutisi yo Mogolo, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society. O ne a adima tsala ya gagwe e bong Sandy buka eno ya gagwe ya Morutisi yo Mogolo mme basetsana bano ba babedi ba ne ba simolola go e ithuta ka metlha.

Lefa go ntse jalo, mmaagwe Sandy e bong, Una, o ne a tsena Kereke ya Anglican mme a sa batle morwadie a bala dibuka tsa Basupi ba ga Jehofa. Thuto e ne ya tswelela pele le mororo mmè yono a ne a le kgatlhanong le yone. Letsatsi lengwe Sandy o ne a kopa mmaagwe ka pelo e e botlhoko gore a reetse motlotlo wa bone gangwe fela. Mo letsatsing leo, kgaolo e basetsana ba neng ba e bala e ne e le ya setlhogo se se reng “Batho ba Babedi ba ba Ileng ba Keteka Malatsi a Botsalo.” Una o ne a reetsa mme a kgatlhega thata. O ne a ya kwa go mmaagwe Priya ka bonako go mmotsa dipotso tse dintsi ka Baebele.

Mmaagwe Priya o ne a rulaganya gore Mosupi mongwe a ithute Baebele le Una. Go ise go ye kae ke fa Una ka boene a bolelela Dolly wa modirikaene ka se o neng a se ithuta. Ka yone nako eo, Priya wa dingwaga tse 11 o ne a gatela pele sentle thata mme a bo a dira tshwetso ya go supa boineelo jwa gagwe mo go Jehofa Modimo ka go kolobediwa mo metsing kwa kopanong ya kgaolo ya Basupi ba ga Jehofa. Kwa go yone kopano eo, Priya o ne a itumela thata go bona Una le Dolly le bone ba kolobediwa!

◻ Go na le dinaga dingwe mo Afrika tse kwa go tsone tiro ya Basupi ba ga Jehofa e iseng e kwadisiwe semolao. Kwa go nngwe ya dinaga tseo, batho ba le bantsi ba teng ba itumelela go utlwa ka ditiro tsa Basupi le dilo tse ba di dumelang. Kwa sekolong sengwe mo go yone naga eno, mosimane wa dingwaga tse supa le monnawe wa dingwaga tse thataro—bana ba Basupi—ba ne ba letlelelwa gore ba se ka ba nna gone ka nako ya dithapelo tsa bodumedi.

Letsatsi lengwe morutabana yo mosha o ne a gatelela gore basimane bano ba rapele le bana ba bangwe. Mosimane yo mogolo o ne a gana mme morutabana o ne a mo kgwathisa. Monnawe wa dingwaga tse thataro e bong Shadrack, o ne a gatelela gore o ya go bona mogokgo kwa ofising ya gagwe. Mogokgo le morutabana yo mosha ba ne ba mmotsa gore ke eng a sa batle go rapela le ba bangwe. Ba ne ba mmotsa gore a o tshaba gore batsadi ba gagwe ba tla fitlha ba mo kgwathisa. O ne a araba jaana a bua Searabia sentle thata: “Nnyaa, Modimo o ke o obamelang ga se Modimo wa tlhakatlhakano mme ke Modimo wa thulaganyo. Nka se nne Mosupi wa ga Jehofa kwa gae mme ke bo ke nna wa bodumedi bo sele mo sekolong!” Ka ntlha ya seno, o ne a se ka a tlhola a patelediwa.

Morago ga gore monna wa Moethiopia yo o umakilweng mo bukeng ya Ditiro a kolobediwe, o ne “a tswelela mo tseleng ya gagwe a itumetse.” (Ditiro 8:39) Le gompieno, bareri ba Bogosi mo kontinenteng yotlhe ya Afrika ba itumelela tshiamelo ya bone ya go ‘rera mafoko a a molemo kaga Jesu.’—Ditiro 8:35.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela